Magosi a atla lenaneo la go okela balwetse kwa lwapeng
15 Aug 2021
Lephata la Botsogo le Boitekanelo le boloditse letsholo la go tokafatsa tlhokomelo ya balwetse ba COVID-19 kwa malwapeng ka lenaneo le le ntseng le le teng la go okela balwetse kwa malwapeng.
Se se builwe ke mogokaganyi wa Mahalapye District Health Management Team (DHMT), Mme Thandie Kgosiesele, fa a buisanya le magosi kwa kgotleng kgolo ya Mahalapye ka Labotlhano.
Mme Kgosiesele a re go tlhagoga ga segajaja sa COVID-19 go amile ditirelo tsa botsogo, ka jalo badiri ba botsogo ba setse ba ketefalelwa ke go ntsha ditlamelo tse di maleba go tlhokomela balwetse ba COVID-19.
Mogokaganyi wa Mahalapye DHMT a re kgwetlho e nngwe ke gore badiri ba botsogo le bone ba eta ba tsenwa ke COVID-19, mme go oketse tlhaelo e e ntseng e le teng ya badiri.
Mogolwane wa dithuto tsa botsogo wa Mahalapye DHMT, Mme Masego Champion, a re maikaelelo ke go tokafatsa lenaneo la tlhokomelo ya balwetse kwa malwapeng gore le kgone go akaretsa balwetse ba COVID-19.
A re go dira jalo go botlhokwa ka jaanong lephata le lemoga kgolo ya dipalo tsa balwetse ba COVID-19, seemo se a re jaanong se fekeetsa ditirelo tsa lephata.
Mme Champion a re lenaneo le le mosola thata ka e le lone le le neng la thusa go namola badiri ba botsogo mo manokonokong a go fekeediwa ke dipalo tsa balwetse ba HIV/AIDS.
Ka lenaneo le, a re setshaba se nna le seabe sa go tshwaraganela go okiwa ga balwetse ba COVID-19 le badiri ba botsogo, mme se kgone go tsaya maikarabelo a go itshireletsa mo go tsenweng ke mogare wa corona le go thusa lephata go lwantsha kanamo ya mogare o.
Kgosana ya Leretlwa, Kgosi Kobamelo Maunatlala, o ngongoregile ka nako e e ntseng e tsewa ke ba botsogo go tsibogela go tlhatlhoba batho morago ga ba sena go wetsa malatsi a le lesome mo serubing.
A re o dumela fa tshimolodiso ya lenaneo le e tlaa thusa go araba mangwe a matshwenyego a.
Kgosana ya Dilaene 2, Kgosi Albert Moseki le ene o amogetse mogopolo o, a bo a lebogela Mahalapye DHMT go bo e ba file morero ka tshimolodiso ya lenaneo le.
Ka jalo, o tshepisitse gore magosi a tlaa dira ka natla go rotloetsa setshaba go atla lenaneo ka go dirisana sentle le badiri ba botsogo gore matshelo a setshaba a babalesege.
Kgosana ya Madiba 14, Kgosi Rabuwe Montwedi, o galaleditse lenaneo le, a re le molemo ka le tlaa thusa go fokotsa dintsho le gone go fokoletsa badiri ba botsogo tiro.
A re mo nakong ya gompieno, badiri ba botsogo ba imelwa ke tiro ka ba sa lebagana fela le balwetse ba COVID-19 ba le nosi.
Fa a akgela, Kgosana ya Kanamo, Kgosi Bohitha Bele, o galaleditse mogopolo wa Lephata la Botsogo le Boitekanelo wa go nonotsha le go tsosolosa lenaneo la go tlhokomelela balwetse kwa malwapeng a gatelela gore ke lone le le neng la namola badiri ba botsogo mo go lwantsheng segajaja sa HIV/AIDS.
Fa a ntsha la gagwe, Kgosi Tshipe Tshipe o lebogetse Mahalapye DHMT go bo e bone botlhokwa jwa go rerisa magosi ka lenaneo le, a re ke mogopolo o montle.
Kgosi Tshipe a re ka fa seemo sa segajaja sa COVID-19 se tsereng phekelo e sele ka teng, go botlhokwa gore setshaba se eme nokeng badiri ba botsogo ka go tshwaraganela ntwa kgatlhanong le kanamo ya mogare wa corona le bone.
A re gape go maleba gore mongwe le mongwe a tseye boikarabelo mo go babaleleng botsogo jwa gagwe le jwa mongwe ka ene ka go obamela melawana yotlhe ya thibelo kanamo ya mogare wa corona.
Ka go dira jalo, a re lephata le tla kgona go fenya kanamo ya segajaja se, ka jalo matshelo a setshaba a kgone go babalesega. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : MAHALAPYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 15 Aug 2021