Breaking News

Thekiso ya bojalwa kwa Mmashoro e a tshwenya

15 Aug 2021

Batswana bangwe ba itirile bo tsebe seutlwe ka go tlhoka go obamela molao o o kganelang theko le thekiso ya bojalwa.

Sergeant Modisaotsile Reboopula wa Mmashoro o tlhalositse mo potsolotsong gore bosheng go ne ga tshwarwa bomme ba le bathano ba dingwaga tse di magareng ga masome a mararo le bosupa le masome a mane kwa kgotleng ya Bope kwa Mmashoro ba go lebegang ba tsweletse ka go apaya le go rekisa bojalwa jwa Setswana le ntswa se se sa letlelelwe.

A re majalwa a a neng a fitlhelwa mo go ba ba tshwerweng a akaretsa mokuru, modaefoko le khadi e go lebegang e le yone e dirwang thata.

O supile fa botlhano jo bone jwa isiwa kwa Serowe kwa ofising ya mapodisi, mme ba lebisiwa molato.

Mongwe le mongwe wa bone o ne a atlholwa P10 000, yo e leng kotlhao ya go apaya le go rekisa bojalwa ka nako e bo sa rekisiweng ka yone le go tlola melawana ya COVID-19 ka go kgobokanya batho ka nako ya kiletso bokopano jwa batho ba le bantsi.

Sergeant Reboopula o kopile banni ba Mmashoro le Batswana ka kakaretso go ikilela mo bolwetseng jwa COVID-19 ka go sala ditaelo tsa botsogo morago.

Fa a tswa la gagwe, Kgosi Opelo Disang wa Mmashoro o supile fa a tshwenngwa ke thekiso ya bojalwa e e tsweletseng mo motseng.

A re thekiso ya bojalwa e ka baka kanamo ya mogare wa COVID-19 ka go kgobokanwa mo lefelong le le lengwe ebile fa go kgobokanwe jalo, go amoganwa dino mo go ka isang kgonagalo ya go amiwa ke mogare kwa godimo.

O boletse fa bontsi jwa ba ba amegang mo dikganyeng tse e le banana.Kgosi Disang a re bojalwa bo feletsa gape bo baka tlhoka kutlwisisano magareng ga banwi mo ba felelang ba lwa ba bo ba gobatsana mme morago ba tle go ikuela kwa kgotleng.

A re le fa ba leka go gakolola banni tsatsi le letsatsi go emisa go tlola molao ka go rekisa majalwa, ga ba reetse.

O akgotse maiteko a ba sepodise go tswelela ba otlhaya ba ba tlolang molao. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ookeditse Kamogelo

Location : MMASHORO

Event : poptsolotsong

Date : 15 Aug 2021