Breaking News

Success Capital e abile mesangwana

15 Aug 2021

Lekgotla la Success Capital le abetse kgotlana ya Selemela kwa Bontleng le mokgatlho wa Guardian Angels mo Gaborone, mesangwana ya itshireletso ya bomme e le 18 000 ka Labone.

Mogolwane wa Success Capital, Mme Kemelo Muzila, a re maikaelelo a bone ke go bona gore ngwana wa mosetsana o a tlhokomelesega ka jaana go tsena mo setswalong e le tlholego.

Mme Muzila a re bomme le bana ba basetsana ba tswelela ka go kokonelwa ke diemo tsa botshelo jaaka go tlhoka mesangwana fa ba le mo setswalong, lehuma le go gatakwa ga ditshwanelo tsa bone.

A re lekgotla la Success Capital, le le engweng nokeng ke a lekgotla le le lwantshang mogare wa HIV/, le itlamile go netefatsa gore ditshwanelo tsa bomme le bana ba basetsana di sekegelwa tsebe le go bewa kwa pele fa go dirwa ditogamaano.

Fa a latlhela la gagwe, moemedi wa kgotlana ya Selemela, Rre Sekhute Phomo, o ne a lebogela maiteko a lekgotla la Success Capital.

O boletse fa se e le mowa wa lerato, mme mpho eo e tlaa thusa bana ba ba tla amogelang mesangwana eo.

Rre Sekhute o tlhalositse fa botlhoki bo le bontsi kwa Bontleng, mme thuso ya Success Capital e tlotlomaditse le go naya serite bana ba basetsana ba kgotlana ya Selemela ka kakaretso.

Rre Godson Gotsha, mongwe wa bagolwane ba Success Capital, o lebogetse go nna le maitemogelo le go nna boineelo ga lekgotlana leo, go bona go re bana ba basetsana ba nna le botsogo jo bontle le ditshwanelo tse di balebaneng.

A re Success Capital e dira tlhokomelo e mo baneng ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng, mme e bile ba sena boemedi.

O ne gape a re bana ba go nna jalo ba tlhoka thuso segolo bogolo ka ba tshela ka maikutlo a a seng monate ka bangwe ba bone ba sena batsadi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Idah Basimane

Location : GABORONE

Event : Kabo dimpho

Date : 15 Aug 2021