Diteme tse di farologaneng di tlaa dirisiwa go tlhabolola thuto
15 Aug 2021
Lephata la Thuto go tswa kwa Moding le isitse mogopolo wa go dirisa dipuo tse di farologaneng tsa lefatshe leno kwa dikoleng.
Se se builwe ke mogolwane wa lephata, Mme Onalethata Thitoyamore kwa Shakwe bosheng.
O ne a supa fa lephata le dirile moalo le itebagantse thata le puo e ngwana a e buang.
A re maikaelelo ke gore puo e ngwana a godileng ka yone, e nne yone e a tlaa e dirisang kwa sekoleng.
O supile fa se se tlaa thusa gore bana ba tlhaloganye ka pela se ba se rutwang.
A re dipuo tseo di tlaa dirisiwa fela kwa mafelong a di buiwang kwa go one, a tlhalosa gore mo metseng e e dirisang Setswana fela, ba tlaa tswelela ba dirisa sone.
Mme Thitoyamore a re ditshekatsheko tse di dirilweng di supile gore go na le dipuo di le lesome le motso mo lefatsheng leno tse di nang le mokwalo o o ka dirisiwang e bile o ka tlhotlhiwa.
A re diteme tse go setseng go dirilwe dithothomiso ke Sekalaka, Seherero, Sembukushu, Seyeyi, Sesarwa, Sekgoa, Sesobiya, Setebele, Seshona le puo ya diatla.
Mogolwane go tswa kwa lephateng la thuto kwa Mahalapye, Mme Anti Tshireletso, a re puo e ngwana a godisitsweng ka yone e dirisiwe go mo tlhalosetsa botoka ka se a rutiwang ka sone.
A re dipuo tseo di tlaa dirisiwa mo baneng ba mophato o o simololang (pre-school) go tsena kwa go wa bobedi.
Mogokgo wa sekole se se botlana sa Shakwe, Rre Olefhile Fane, o supile fa barutabana ba na le bothata jwa go ruta bana ba ba godileng ba dirisa puo e morutabana a sa e itseng.
O supile gore le fa go dirisiwa diteme tseo, bana botlhe ba a go kwala Setswana mo ditlhatlhobong tsa bone.
Mokhanselara wa kgaolo ya Shakwe Rre Mooketsi Maiketso o lebogetse lephata go bo le tsisitse mogopolo mo setshabeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Pulamoeng
Location : SHAKWE
Event : poptsolotsong
Date : 15 Aug 2021