Dikgang tsa kgokgontsho ya bong di a tshwenya
15 Aug 2021
Go gola ga dipalo tsa dikgang tsa kgokgontsho ya bong ke matlhabisa ditlhong, selo se se kgadilweng ke mookamela mapodisi a Machaneng, Superintendent Gagopale Gaselarona.
Supt Gaselarona o supile fa dikgang tsa kgokgontsho ya bong di oketsega kwa kgaolong ya gagwe ya sepodisi, bogolo jang tsa petelelo.
O tlhalositse ka Labone mo poptsolotsong gore e sa le ngwaga o simolola, ofisi ya sepodisi kwa kgaolong eo, e gatisitse dikgang tsa kgokgontsho ya bong ka go farologana di le masome a mane le bongwe.
A re di le lesome le borobabobedi mo go tsone ke tsa petelelo, tsa tlhakanelo dikobo le bana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le borobabobedi di lesome le bosupa, di le tlhano e le tsa go gomagometsa go bolaya motho le ya kiteo e le nngwe.
“Dipalo tse, di tshwenya fela thata, bogolo jang tsa petelelo le tsa tlhakanelo dikobo le bana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le borobabobedi,” Supt Gaselarona a tlhalosa.
O supile fa bontsi jwaa dikgang di isitswe kwa ofising ya tsa bosekisi, go sekasekwa gore di tle di kwadisiwe.
Supt Gaselarona o kgadile ditiragalo tse a bo a kopa ba ba santseng ba tsweletse ka go kgokgontsha ba bangwe go ikgapha mo mokgweng oo.
A re go itseela dikobo ka dikgoka ke molato o o atlholelwang dingwaga tse di seng kwa tlase ga lesome mo kgolegelong ga mmogo le yone tiriso botlhatswa ya bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le boferabobedi.
A re mo godimo ga moo, fa mmelaelwa a sena go bonwa molato a bo o fitlhelwa a na le HIV, o atlholelwa dingwaga di le lesome le botlhano mo kgolegelong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : MAHALAPYE
Event : poptsolotsong
Date : 15 Aug 2021