Mogwebi o aba didirisiwa tsa botsogo
12 Aug 2021
Go thusa puso mo manokonokong a COVID-19 mogwebi wa M.F. Holdings Rre Azad Duste o abetse metse e aa dirang kgwebo mo go yone metshine e e thusang go hema e robabobedi le metsi a a tshelwang mo go yone, tse tsotlhe di lopileng P120 000.
Fa a aba metshine eo bosheng kwa Ditshegwane, Takatokwane, Khudumelapye le Salajwe, Rre Duste a re ba ne ba bona go tshwanela go araba selelo sa puso go thusa bao ba ba amilweng ke bolwetse jwa COVID-19.
Fa a amogela metshine eo, molaodi wa kgaolo potlana ya Letlhakeng Mme Ikgopoleng Lekoape, o supile fa batho ba le bantsi ba amilwe ke COVID-19 bangwe ba setse ba latlhagetswe ke matshelo.
O tlhalositse gore le fa motho a thusiwa go hema ka metshine eo, go botlhokwa gore a lekisiwe dijo gore a kgone go tia moko.
Molaodi o supile fa dipatela di tletse mme balwetse bangwe ba okelwa mo malwapeng, mme ba ba tla a isiwang kwa dipateleng e le ba ba gateletsweng thata.
Mme Lekoape o supile gape fa dimpho tseo di tlaa thusa ka jaana di tlaa thusa ba ba tlhokang phefo mme ba okelwa mo malwapeng.
Modulasetilo wa khansele ya Letlhakeng ebile e le mokhanselara wa Mantshwabisi/Serinane Rre Meshack Tshenyego, o ne a supa fa ba le lesego go fiwa dimpho tseo, a bo a kopa bagwebi ba bangwe go thusa ka jaana puso e ka se kgone e le nosi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Letlhakeng
Event : Kabo dimpho
Date : 12 Aug 2021