Mokgatlho wa borre o di goga kwa pele
12 Aug 2021
Mokgatlho wa borre kwa kgaolong ya Good Hope o netefaditse maikaelelo a one a go nna sekao mo setshabeng jaaka fa ba ne ba phuthaganetse kwa dikagong tsa Stepping Stones kwa Good Hope go itlhatlhobela mogare wa HIV.
Modulasetilo wa mokgatlho Rre Kgopolo Motsumi o tlhaloseditse lekalana la dikgang la BOPA ka Labobedi fa ba lemogile gore borre ka bontsi ga ba nke ba tsibogela botsogo jwa bone.
Are go le gantsi, borre ba felelela ba kopa dithuso tsa ba botsogo bolwetse bo setse bo keketse, selo se a reng se dira gore bontsi jwa bone ba tlhoke lesego mme ba tlhokafale.
O tlhalositse gore mokgatlho o, o kopanetswe ke borre go tswa mo maphateng a puso aa mo kgaolong ya morolong a tlatsa ka gore ba tladitswe ke dikgaolo tse dingwe tsa ga ngwaketse tse di gaufi le bone.
Rre Motsomi are bontsi jwa nako ba itebaganya le go leka go ruta ngwana wa mosimane a santse ale monnye gore a nne le boikarabelo mo setshabeng le gone go ikgapha mo ditirong di tshwana le go iphitisa nnotagi le kgokgontsho.
Are ere ka mokgatlho o na le maloko a ditiro tse di farologaneng di tshwana le ba sepodise, masole le ba boitekanelo, se se ba thusa go ntsha dikgakololo tse di maleba ka dinako tsotlhe.
O file sekai gore fa gona le kgaolo nngwe e go itemogelang dikgang tse di kwa godimo tsa kgokgontsho, ba-na-le seabe ba potlakela dikgang tsa go nna jalo ka dikgakololo tse di maleba.
Modulasetilo o lebogetse dithuso tse ba di bonang go tswa kwa maphateng a puso le a a ikemetseng ka nosi are se, se ba thusa go fitlhelela maikaelelo a bone.
O supile fa maduo a tiro ya bone a bonala le ntswa go santse go na le batho bangwe ba ba seng tsebe ntlha go utlwa, a tlatsa ka gore seo ga sena goba kgoba marapo.
Rre Motsumi are fa go na le tiro ee ngokelang bo rre bale bantsi mo kgaolong jaaka tsa dikonteraka, ba netehatsa gore ba buwa le bone mme seo se thuse thata ka gore dikgang tsa boimana jwa bana ba dikolo le dintwa di a hokotsega.
Are mo bekeng e e tlang go fitlhela kgwedi ya thapelo e ya fifing ba simolola go etela dikole, dikgotla le dikampa tsa mapodise le masole tsedi mo kgaolong ba rotloetsa bo rre le morahe go itlhatlhobela mogare wa HIV gore ba itse seemo sa bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : Good Hope
Event : Potsolotso
Date : 12 Aug 2021