Monana o itshetsa ka nama ya tonki
12 Aug 2021
Tonki ke seruiwa se bontsi jwa batho ba se dirisang go lema le go nna sepalamo.
Le fa go ntse jalo, bangwe ba kgona go e tlhaba ba bo ba a ja nama ya yone fa bangwe ba e bifela ba supa fa e na le monko o ba sa o rateng.
Ba bangwe bone ba dumela fa e sa tshwanela go jewa ka e bogisega ka go betswa thata fa e dirisiwa e le sepalamo e bile e kgona go tsamaisiwa sekgele se seleele.
Rre Tshepang Joshua wa dingwaga tse masome a mabedi le borataro ke mongwe wa banana ba Serowe ba ba gwebang ka nama ya tonki e bile a tswa bonyennyaneng a itse fa e jewa.
O na le bareki ba ba farologaneng jaaka bakgweetsi ba dipalamo tsa setshaba, babereki ka go farologana le banni ba Serowe.
Fa a bua mo potsolosong, Rre Joshua a re go simolola kgwebo ya gagwe ya go rekisa nama ya tonki go ne ga gakgamatsa ba le bantsi ka go ne ga diragala ka ponyo ya leitlho e bile a sa go akanyetsa.
E re ka e le monana wa dikgwebo tse di farologaneng, e ne ya re nako nngwe a ntse a dira mo kgwebong ya gagwe ya go tsenya maotwana mo dikoloing, tonki nngwe ya thulwa ke koloi gaufi le fa a direlang teng.
A re beng ba tonki eo ba ne ba batla go e ntsha mo tseleng go ya go e latlha ka ba sa je nama ya yone mme a felela a e reka mo go bone ka ene a ne a itse gore e a jewa.
A re o ne a e apaya mme a rekisetsa nama ya yone gaufi le fa madirelong a gagwe mme a gakgamala a bona batho ba tla ka mmetela go tla go reka.
A re kgwebo ya gagwe e ne ya simolola gone foo ka a ne a lemogile fa nama ya tonki e ratiwa fela thata, mme o ne a kopa Rre Kabo Motsebe gore a mo thuse go rekisa nama fa ene a santse a le mo dikgwebong tse dingwe.
Rre Joshua o ne a tlhalosa fa a lemogile fa nama ya tonki e ratiwa kwa Serowe fela jaaka ya kgomo. Gantsi o apaya seswaa a bo a apaya bogobe jwa mabele kana phaletshe.
A re o rekisa bogobe le nama P10 mme ba ba rekang mo go ene ba itumela fela thata ka ditlhwatlhwa tsa gagwe e le tse ba di kgonang. A re o kgona go rekisa nama fela mme le yone e nna P10.
A re fa a tlhabile tonki, o e rekisa fela mo letsatsing le le lengwe kana a le mabedi e bo e fela.
A re nama ya tonki e mo tsenyetsa madi aa botoka ka o ne a felela a reka motshameko wa snooker a o baya go bapa le dikgwebo tsa gagwe mme le one o dira sentle.
O supile fa nama ya tonki e le nngwe ya dinama tse e kabong batho botlhe ba itlwaetsa go di ja ka e sa tshabelelwe ke malwetse a mantsi.
A re bontsi jwa bareki ba nama ya tonki ba a mo galaletsa ka ba supa fa a na le letsogo le lentle la go tlhaba tonki mme ba supa fa e le monate.
A re o dirisanya le barui ba ditonki kwa Serowe le kwa metseng e e gautshwane mme mo dinakong tse dingwe o kgona go felela a reka kgakajana jaaka kwa Serule fa a utlwaletse tse di tlhwatlhwa e e botoka teng.
A re bontsi jwa barui ba ditonki mo Serowe ba di rekisa P1 000 mme kwa mafelong a mangwe o kgona go e reka P600.
Rre Joshua a re le ntswa a tsweletse le kgwebo ya gagwe, o na le dikgwetlho jaaka letlhoko la koloi ka a patelesega go batla ba ba ka mo thusang go tsaya tonki kwa a tla a bong a e rekile teng.
A re o eletsa gore tonki e tsewe tsia mo lefatsheng leno ebile go nne le madirelo a yone gore Batswana ba kgone go itshetsa ka nama ya yone fela jaaka diruiwa tse dingwe ka bontsi jwa bone ba na le ditonki bogolo jang kwa metseng e mennye.
O tlhalositse fa Batswana bangwe ba santse ba sa batle gotlhelele gore nama ya tonki e ka amana le fa go segelwang ya kgomo teng mme fa go ka nna le fa e tlhabelwang teng le gone fa e rekisediwang teng sentle go ka tswela Batswana mosola. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Serowe
Event : Potsolotso
Date : 12 Aug 2021