Breaking News

Mapodisi a Broadhurst a tsoma dirukutlhi

11 Aug 2021

Mapodisi a Broadhurst mo Gaborone a kopa setshaba go ba thusa go tshwara banna ba le bararo ba e rileng maitseboa a Labotlhano ba amoga marekisetso a a itsegeng ka leina la Dabutha P3 975, metsokwe le megala ya letheka.

Mogolwane wa mapodosi, Rre Obusitswe Lokae o tlhalositse mo potsolosong fa magotswana a, aa dingwaga tse di fa gare ga masome mabedi le masome a mararo, a ne a tsamaya ka koloi ya Mazda Demio.

E ntse e le ka Labotlhano ka nako ya bosupa, banna ba le batlhano ba ba neng ba ipapanne ka dithipa, ba ne ba tlhasela marekisetso a nama kwa Taung gone mo Gaborone, mme ba lebotsa phokoje ka P12 000, megala ya letheka le di laptop.

Mo tiragalong e nngwe, banna ba le batlhano ba ne ba amoga madirelo a badisa dikago a Wayguard dithoto tsa P24 000 ka Mosupologo wa beke eno.

Rre Lokae  re sepodisi se belaela gore ditiragalo tse didirwa ke ditlhopha di tswa mo kgaolong e le nngwe, mme di tlolele kwa go e nngwe go ya go rukutlha.

A re go fitlha jaana, ga gona ope yo o tshwerweng mo ditiragalong tse tharo tse. 

Rre Lokae o ne a kopa beng ba marekisetso go nna podi matseba ka nako tsotlhe ka jaana manweenwee a a itira jaaka ekete ba tsile thari kwa marekisetsong, e re fa ba bulelwa e be e le gone fa ba o jele o tletse.

Go ntse go le foo, mapodisi a Gaborone West a kopa setshaba go ba thusa mo ditlhotlhomisong go supa kwa bojalwa jo bonowang mo nakong eno bo tswang teng, ka jaana bojwalwa bo santse bo tswaletswe.

Mothusa mogolwane wa mapodisi wa Gaborone West, Rre Baboneng Modiegi o boletse gore e re le ntswa marekisetso a bojalwa a tswetswe, go nowa ga nnotagi fa pele ga mafelo a go rekisediwang bojalwa mo go one go ile magoletsa mo Gaborone le tikologo.

Rre Modiegi a re go a swabisa, e bile ga go jese diwelang ka jaana tiragalo e, e dirwa ke bagolo ba ba itlhokomolosang go obamela melawana ya bolwetse jwa COVID-19. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Idah Basimane

Location : Gaborone

Event : Potsolotso

Date : 11 Aug 2021