Breaking News

Dirisang kitso ka sengaparile - ngaka

11 Aug 2021

Ngaka ya setso, Rre Adonce Sebatlhale, a re banana ba tlhoka go anywa dikitso tsa batlapele ka tiriso ya ditlhare.

Mo potsolotsong bosheng, Rre Sebatlhale wa Kokotsha kwa Kgalagadi a re go botlhokwa go dirisa dikitso tsa bagologolo gore di berekele dikokomane tse di tlang.

Sengwe sa ditlhare tse di ntsi kwa Kokotsha ke sengaparile. 

Setlhatshana se se a ngaparela mme go ngaparela mo diphologolong go na le seabe mo go anamiseng peo ya sone. 

Ngaka yo, yo o dingwaga tse masome a supa, a re sengaparile ke semela sa boleng jo bo kwa godimo fela thata se batho ba letso la Sesarwa ba neng ba se dirisa go alafa malwetse a mantsi a a farologanyeng jaaka letshoroma, dintho le dikgeleswa.

O tlhalositse gore sengaparile se ne se nowa go nonotsha masole a mmele, se tlhatswa teng, mme fa motho a na le setlhabi kana a na le letsapa le le feteletseng se ne se thusa. 

Rre Sebatlhale a re sengaparile gape se ne se dirisiwa go alafa khupelo, a tlhalosa gore se ne se tlhakanngwa le semela se se bidiwang kwate se se tlhogang fa thoko ga moretlwa.

O tlotlomaditse sengaparile a re ke makgonatsotlhe ka Basarwa ba ne ba se tlhakanya le ditlhare tse dingwe go dira melemo e e neng e fodisa malwetse a a farologanyeng. 

Ba ne ba se dirisa go alafa tlhagala mme go dirwa jalo ka go se tshuba, mosidi wa sone o bo o tshasiwa mo nthong gore ntho e fole ka pela.

 A re se alafa dintho tsotlhe tse di mo teng ga mmele le tse di kwa ntle ebile se bereka ka pela bogolo jang fa se tlhakantswe le kwate.

Mo go tse dingwe ditiro tsa sengaparile, Rre Sebatlhale a re Basarwa ba ne ba se dirisa go thaa basetsanyana fa ba simolola go tsena mo setswalong. 

“Fa mosetsanyana a simolola go ithalega re ne re tsaya sengaparile re bo re se tshuba re bo re tshasa ka fa tlase ga maoto a mosetsanyana go thaya ka sone gore a kgone go ralala dikgomo tsa batho ka bogologolo.” 

A re go ne go dumelwa gore fa mosetsanyana a ka ralala dikgomo kana a gata metlhala ya dikgomo a ithalegile dikgomo tseo di ne di ka swa, fa wa mosimane ene a ne a thaiwa ka sengaparile se se tlhatleilweng a bo a nosiwa.

Rre Sebatlhale o tsweletswe ka go tlhalosa gore seo se ne se dirwa go ikaegilwe ka tumelo mme go thaiwa moo go ne go dirwa ke mmangwana. 

Mogolo mo motseng Rre Johannes Titus wa dingwaga tse masome a supa le boraro wa letso la se colored, a re ba godile ba nosa dihutshane sengaparile fa di na le dibokwana mo maleng. A re ba ne ba se dirisisa itlhatswa teng.

O ne a tlhalosa gore banni ba motse oo ba tswa kgakala ba epa sengaparile mme bontsi ba nako ba se epela go se rekisa. 

Rre Titus a re o simolotse go epa sengaparile ka 1970 mme a itemogetse tlhatlogo ya ditlhwatlhwa tsa theko ngwaga le ngwaga.

“Ka nako eo tlhwatlhwa ya sengaparile e ne e le 50thebe khilogereme mme gompieno e tlhatlogile jaanong ke P30 per kg,” a tlhalosa.

Monongwaga a re o epile dikgetsi di le tlhano tse a ipaakanyetsang go ya go di rekisa kgwedi e e latelang mme o solofela go bona madi a a botoka monongwaga ka gore sekale se oketsegile go tswa ko go P28 go ya ko go P30 khilogereme.

Rre Titus o tlhalositse gore go epa sengaparile ke namane e tona ya tiro ka se berekwa thata fa se epiwa. A re paka ya sone e tla gangwefela mo ngwageng mme e ba thusa go fokotsa letlhoko la ditiro ka ba itirela ka diatla go itshetsa. 

Ka jalo a re fa paka eo e goroga ba nona pelo ka mathe ka ba solofela go oba letsogo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : Kokotsha

Event : Potsolotso

Date : 11 Aug 2021