Breaking News

Motho o ka tsaya mokento fa a ane a tsenwe ke mogare

10 Aug 2021

 Mogakolodi wa lekoko la ga Tautona la twantsho mogare wa COVID-19 Dr Mogomotsi Matshaba o tlhalositse gore fa motho a ne a tsenwe ke mogare wa Delta ga a tlhoke go leta pele a ka tsaya mokento.

O buile se ka Mosupologo fa a lekodisa setshaba ka seemo sa bolwetse mo Botswana. 

A re ntswa motho a ne  a tlhoka go ema dikgwedi tse tharo pele a ka kentiwa fa a ne a kile a tsenwa ke megare e mengwe, wa Delta motho o ka kenta fa a sena go fola.   

Dr Matshaba o tlhalositse gore go tlhagoga ga mogare wa Delta o o supafetseng o tsena batho motlhofo, o fetotse seemo ka yo o tsenweng ke mogare a tlhoka go digela malatsi a go lwala. 

A re fela fa motho a filwe setankana se se rurifatsang fa a fodile, o ka tsaya lemao. 

Dr Matshaba a re Delta e pharologanyo, mme se se tlhokafalang ke gore batho ba tswelele ka go tshegetsa melawana ya botsogo ka yone e sa fetoga go fokotsa kanamo ya mogare. 

O supile gore le fa motho a ne a kentile lantlha a emetse go kenta labobedi, fa a ka tsenwa ke mogare, o ka ikoka mme ya re fa a sena go fola, fa nako ya gagwe ya go kenta e goroga a ya go tsaa lemao.

O kaile fa mogare wa Delta o le pharologanyo gape o fetotse ka fa o tsenang mo mothong o mongwe go ya ko go yo mongwe.

A re ba itemogetse gore ntswa bangwe ba fola ka malatsi a go ikoka, go na le sephatlo sa balwetsi se se tswelelang se supa fa se na le mogare le fa malatsi a wetse, mme batho bao ba sa kgone go fetisa mogare.

 A re ka jalo ba be ba tsaya tshwetso ya gore fa motho a digetse malatsi a a lesome a sena dikai e bile a sena matshwenyego ape a a amanang le COVID-19, o ka fiwa setankana sa gore o fodile. 

Dr Matshaba o kaile gore dipalo tsa mogare di ile kwa godimo ka jalo a kopa setshaba go tswelela ba sala melawana ya go itshireletsa morago.

A re ba leka ka bojotlhe go fokotsa dipalo tse di tsweletseng ka go golela pele. A re batho ba tswelele ka go iphemela mo mogareng, ka go rwala dibipa melomo le nko, go tlhapa matsogo kgapetsa kgapetsa, go katologana, le go fokotsa metsamao e e sa tlhokafaleng. 

 A re ga ba kitla ba lapa go nna ba a fa dikgakololo tse, go fema kanamo. 

O ne a re Delta ga ena sepe gore a motho o kile a kentiwa, ka jalo batho ba tshwanetse go itlhokomela gore ba se amiwe ke mogare. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Bakang Segokgo

Location : Gaborone

Event : Potsolotso

Date : 10 Aug 2021