Ramashaba Farm e itlamile go jesa lefatshe
10 Aug 2021
Rre Emmanuel Maikano le Rre Jeremiah Mogorosi ba e leng balemi ba mefuta e farologaneng ya merogo e bile ba ruile dikgomo ba itumile melomo ya tlase go jesa lefatshe leno ka go ntsha dijo tse di nang le dikotla bogolo jang ka nako eno ya segajaja.
Bobedi joo, bo lema kwa masimong a Ramashaba mokgaolong ya legare,
Rre Maikano wa dingwaga tse di masome a matlhano le boraro, le Rre Mogorosi wa dingwaga tse di masome mabedi le boroba bongwe, ke ditsala, mme ba simolotse kgwebo ya bone dingwaga tse tharo tse di fetileng.
Mo potsolosong le BOPA bosheng, ba re ba lema jalo, ka ba lemogile fa tshimo ya bone e tumileng ka leina la Ramashaba Farm e le mo lefelong le le nang le metsi a mantsi le mmu o nonneng o o siametseng dijwalo.
Ba simolotse ka go lema ba jesa leruo la bone, le batho ka go farologana.
Bangwe ba ne ba reka mmidi go rekisa fa bangwe ba reka dijo tsa leruo.
Gompieno ba lema merogo jaaka khabeche, rape, spinach, ditamati, dikwiii, dibeetroot, dicarrots le tse dingwe mo bontlheng bongwe jwa tshimo.
Ba tlhalositse fa dishopo le madirelo a matona a le mmalwa a ikaegile ka dijo tse di tswang mo Ramashaba Farms.
Ba boletse fa thobo ya bone e rekwa ke batho go tswa metseng e e farologaneng jaaka Serowe, Makoro, Palapye, Paje le Mmashoro.
Rre Maikano o supile fa kgwebo ya bone e gwetlhilwe ke leuba, a bolela fa ba simolotse e le barui ba dikgomo, mme ba lemoga fa dikgomo tsa bone di sokola ka nako ya leuba.
Rre Maikano o tlhalositse fa kgwebo ya bone e gola e bile ba thusitswe ke ba lekalana la CEDA le ba rotloetsa ka dikgomo tsa nama di le mmalwa go balelwa di Simmental di le lesome le bongwe le poo ya tsone, di Charolais tse dilesome le bongwe le poo.
Rre Mogorosi ene o tlhalositse fa ba kgothaditswe gape ke gore ba na le lefatshe le le tona la selekanyo sa masome a mabedi le bobedi.
Ka jalo ba ne ba tsaya tshwetso ya go lema mmidi le lab-lab go jesa leruo ka nako tse di thata tsa leuba.
Rre Mogorosi a re tlhagogo ya bolwetsi jwa COVID-19, e ba file sebaka sa go simolola go lema merogo.
Ba thapile badiri ba supa, go thusa go tlhagola le go kabela dijwalo, go fitlhelela go robiwa go bo go rekisiwa.
Fa a bua ka dikgwetlho, Rre Mogorosi o tlhalositse fa ba itemogetse dilo di le mmalwa jaaka phadisanyo mo mebarakeng, serame se se gatsetsang dijwalo ka nako ya mariga, diji tsa dijalo, leruo le le sa tlhokomelesegeng le le tlhagelang mo tshimong ya bone, bogodu le boturu jwa motlakase o o dirisiwang go pompa metsi go nosetsa dijwalo.
A supa gape fa nako e nngwe balemi ba lema dijo tsa mofuta o le mongwe fela le gone go tlhaela ga di dirisiwa tsa temo.
Le fa go ntse jalo, Rre Mogorosi a re ba dirile maiteko a go batla madi a Youth Development Fund (YDF), kwa lephateng la tlhabololo banana, metshameko le ngwao go oketsa di dirisiwa tse ba nang le tsone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Ookeditse Kamogelo
Location : Serowe
Event : Potsolotso
Date : 10 Aug 2021