Lekgotla le lwantsha tiriso botlhaswa ya bojalwa
09 Aug 2021
Lekgotla la dikereke, (Botswana Council of Churches) le itlamile go lwantsha tiriso botlhaswa ya bojalwa e dirwang bogolo jang ke banana mo nakong ya segajaja COVID-19, se apesitseng fatshe leno kobo ka letshoba.
E rile fa a bua ka maikaelelo a bone mo phuthegong ya ba na le seabe, mothusa moeteledipele wa lekgotla, Reverend Thabo Mampane, o tlhalositse gore lekgotla le simolotse botsalano le lephata la botsogo le boitekanelo dikgwedi tse tharo tse di fetileng, ka ba tshwentswe ke seemo sa tiriso ya nnotagi le ditlamorago tsa yone.
A re ke ka moo ba neng ba felela ba simolodisa lenaneo la phokotso ya dino.
A re ba dirile se ka gore baruti ke badisa ba setshaba ba semoya.
Ka jalo ba dumalana le ba botsogo gore ba thuse ka go ruta ka ditlamorago tsa bojalwa mo sebakeng sa dingwaga tse tharo.
A re ke matshwanedi gore kereke e nne le lentswe kgatlhanong le sepe fela se se sa tsamayeng sentle mo lefatsheng leno. A re ba ka dira se ka go ntsha dikgakololo kgotsa ka go tsenya letsogo gore le bone ba nne le seabe.
Mokwaledi mogolo wa lekgotla. Reverend Gabriel Tsuaneng o tlhalositse fa kereke e tswa kgakala e le mopati le mo tsaya karolo mo ditlhabololong tsa lefatshe.
O tlhalositse fa kereke e tswa kgakala mo go tseyeng karolo mo botsogong le mo thutong.
Ka jalo, a re kereke ga e kake ya ikgatholosa fela fa dilo di fapoga seporo.
A re ke ka moo kereke e boneng go tshwanela gore e ntshe lentswe kgatlhanong le tiriso botlhaswa ya nnotagi.
Godimo ga moo a re go supafala gore banwi ba bojalwa ba bo nwa ka tsela e e senang thekegelo, mme bo felele bo ba latlhisa boikarabelo jwa setho.
O bile gape a gatelela gore bojalwa bo senya loago la setho la Setswana le la Modimo tota.
A re le ntswa ba itse botlhokwa jwa jone mo mo itsholelong ya lefatshe, puso mo maitekong a yone go leka go tsibogela tiriso botlhaswa ya bojalwa, go ne ga okediwa tlhwatlhwa ya bojalwa, mme ga se ka ga thusa sepe.
A re ba itemogetse gore tiriso botlhaswa ya bojalwa e tsala kgokgontsho ya bana le bo mme. Le fa go ntse jalo, o kopile baruti le dikgosana tsa motse go tshwaragenela tiro e.
Fa ba ba kgwa dikgaba, baruti le mekgatlho ka go farologana ba dumalane ka bongwefela jwa pelo gore ditlamorago tsa bojalwa ga di a siama, mme maiteko a bone go lwantsha se a kgoreleditswe ke go tlhagoga ga bolwetsi jwa COVID-19, ka jaana bo itsa gore batho ba kgobokane go gasa dithuto mo go ba bangwe.
Modulasetilo wa lekgotla la Boikgapo, gape e le monana Mme Tshogohatso Matsheka a re banana ba a imelwa. A re ba farafarilwe ke diemo ditshwana le tlhoko la ditiro le diemo tsa matshelo mo gae, ka jalo, ba kotlometse maikutlo fela thata.
Are go tlhokafala tshidilo maikutlo e e tseneletseng mo bananeng mme le bone baruti tota.
O gateletse botlhokwa jwa go aga makalana a tshidilo maikutlo go ralala lefatshe.
Fa a ntsha la gagwe, monnasetilo wa khansele potlana ya Molepolole/Lentsweletau, Rre Allen Jacobs o kopile setshaba ka kakaretso go ema nokeng lekgotla la dikereke mo maitekong a lone, a go lwantsha tiriso botlhaswa ya bojalwa, a gatelela gore bone ba le nosi ga ba kake ba kgona ntwa eo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : MOLEPOLOLE
Event : Polelo
Date : 09 Aug 2021