Basimane ba le babedi ba tshwerwe ka bojalwa
09 Aug 2021
Basimane ba le babedi ba kgotla ya Borakanelo mo Tsabong ba tshwerwe ka bojalwa jwa madi a ka tshwarang P24 000.
Mo potsolosong le BOPA ka Labotlhano, mookamela mapodisi a Tsabong, Superintendent Christopher Tlhapi-David o tlhalositse fa basimane bao ba le dingwaga tse di lesome le boferabongwe, mme ba tshwerwe kgwedi eno e tlhola gane, gaufi le polasi ya No.2 mo motseng wa Maralaleng.
Supt Tlhapi-David a re go dira jalo ke molato ka gore seo se oketsa le yone kanamo ya mogare wa corona, o o gaketseng thata mo lefatsheng leno.
A re bobedi joo, bo tshwerwe ke mapodisi gammogo le masole bo tlodisa mokoakoa wa majalwa le gone go tlola terata ya molelwane eseng ka fa molaong.
Supt Tlhapi-David a re ba fitlhetse majalwa a sekgoa, mme go belaesega fa ba tlwaetse go dira borukutlhi joo ba rongwa ke batsadi ba bone.
Go bolelwa fa basimane bao, ba ne ba dirisa koloi ya van, mme tiragalo eo, e le ya ntlha mo motseng oo.
Mogolwane wa mapodisi o boletse fa basimane bao ba setse ba ipone molato wa go tlola molelwane eseng ka fa mokgweng le go tsaya majalwa kwa lefatsheng le sele, bo santse bo emisitswe mo Botswana.
O gakolotse setshaba go ikgapha mo go tloleng terata ya molelwane e se ka fa molaong ka ba tlaa tseelwa dikgato. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : TSABONG
Event : POTSOLOTSO
Date : 09 Aug 2021