Breaking News

Phokoje go tshela yo o dithetsenyana 1

09 Aug 2021

Motsogapele o ne a opile kgomo lenaka fa a re ‘e are go tlogelwa tsatsing se ikise moriting’.

Mafoko a, a nnete fa o lebile botshelo jwa ga Rre Kesegofetse Kelebogile yo o tshelang ka bogole mo maotong, e bile a dirisa dithobane go tsamaya.  

Rre yo, wa madirelo a Mophane Pottery, yo o dingwaga di masome mararo le botlhano ga a ka a letlelela bogole jwa gagwe go mo kgoreletsang go tswelela mo botshelong.

Rre Kelebogile o ne a bona botlhokwa jwa go sola molemo matsogo a gagwe ka go duba mmu wa letsopa a bopa dijana diakaretsa dinkgwana, dipitsana tse di apayang le tse di tsenyang ditlhare tsa mokgabisa ga mmogo le go bopa mekgabisa ya mo matlong le mo diofising.

Rre Kelebogile o boletse fa a sa tsholwa ka bogole mme bo diragatse a le mmotlana ba le kwa morakeng.  

A re o ne a tshubiwa setlhogo ka molelo ke magodu mangwe a a neng a utsule koko mme go kuwa mokgosi, ba mo tshuba mo mmeleng le maoto mo go neng ga tsala bogole jo a tshelang ka jone.

Are o feletse a siiwa ke dithuto tsa sekolo ke go nna sebaka se se leele mo sepateleng, mme a amogela  fa se, se raya fa tla gola a sa itewa seatla.

Rre Kelebogile yo o tlholegang kwa motseng wa Motshegaletau mo kgaolong ya legare o tlhalositse fa ka thuso ya ba ofisi ya ba boipelogo ka lenaneo la go thusa ba-na-le-bo-go-le ba ba tlhokileng lesego, a ne a kgona go tsena sekolo kwa Camphill Rankoromane kwa Otse kwa a neng a kgatlhegela go bopa ka mmu.

O kaile fa a ne a simolola dithuto tsa go bopa ka letsopa mo goneng gole motlhofo thata mo go ene.

Fa a fetsa dithuto o ne a boela Serowe.  Ka masego a se mangwe, Rre Kelebogile o ne a thusiwa gape ka lenaneo la banana la YDF ka madi a a kanang ka P100 000 go simolola kgwebo ya go bopa dinkgwana le tse dingwe jalo.

A re o ne a dira ka gotlhe mo anang le gone, a reka motshine o o apayang dinkgwana le o o bopang mme sebe sa phiri e ne ele gore go ne go sena fa a direlang teng ntle le go  hirisa mafelo, a supa fa go ne le turu thata.

A re se, se ne sa seka sa mo kgoba marapo a tswelela le kgwebo ya gagwe go fitlhela ba Boiteko Trust mo Serowe ba mo thusa ka go mo fa lefelo mo dikagong tsa bone go direla teng mahala.

O boletse fa a reka mmu wa letsopa o a bopang dinkgo le tsedingwe kwa motseng wa Serule.

A re mo nakong ya gompieno, theko e bonya fa e sale lefatshe le tlhaselwa ke bolwetse jwa COVID-19.

A re se, se dira gore a tlhoke madi a go ntshafatsa didrisiwa tsa gagwe tse di dirwang fela kwa Aferika borwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : SEROWE

Event : Polelo

Date : 09 Aug 2021