Mokhanselara wa Moshupa Botlhaba o bolokilwe
08 Aug 2021
Mokhanselara wa Moshupa Botlhaba, Rre William Masibi, o bolokilwe kwa Moshupa ka Labone.
Moswi, yo o neng gape e le modulasetilo wa komiti ya madi ya khansele potlana ya Moshupa ga mmogo le khansele ya borwa ka bopara, o tlhokafetse kgwedi ya Phukwi e le masome a mararo le bongwe morago ga go lwala ka bokhutshwane.
Dibui kwa segopotsong sa gagwe kwa dikagong tsa khansele potlana ya Moshupa di kaile Mokhanselara Masibi e ne e le senatla.
Mothusa modula setilo wa khansele ya Borwa, Rre Sonny Phiri a re Rre Masibi o ba latlhile.
A re khansele ya Moshupa e latlhegetswe ke senatla se se neng se eteletse pele komiti ya madi, a bolela fa a ne a dira tiro e o ka natla le ka boingotlo.
A re Mokhanselara Masibi o ba tlogetse fela mo sebaka tsatsing mo ba sa itseng gore ba tla a sala ba dira jang go thiba phatlha ya gagwe.
A re mo dinakong tse di thata tse ke gore batho ba lebe kwa Moreneng.
Rre Phiri a re ba tla a sala ba gopola moswi ka metlae ya gagwe ka jaana a ne e le motho wa dinyao.
Moemedi wa ba lelwapa, Mme Neo Kootle, a re boora Masibi ba wetswe ke setlhare se ba ntse ba se nna moriti ka jaana a ne a ba gakolola ka dinako tsotlhe.
A re Mokhanselara Masibi o ne a ba gakolola ka mowa o o oleng. A re moswi o tlhokile go tsoga mo lebakeng le le khutshwane.
Mokhanselare wa Ntlhantlhe/Lekgolobotlo Rre John Taolo a re o itsile Mokhanselara Masibi ka 2013 go ipapalediwa ditlhopho a bolela fa e ne e le mogaka. A re moswi o ne a ba kgothatsha kwa khanseleng
Modula setilo wa khansele potlana ya Moshupa, Rre Peter Sethibi, a re Mokhanselara Masibi o tsene mo khanseleng ka 2014 mme a bowa gape 2019. A re moswi o ne a tlhophiwa go nna ramatlotlo wa khansele ya Borwa, a re e ne e le motho yo o ratang go bala a thusa go baakanya metsotso ya khansele ka boineelo.
A re o ne a nna fela a le teng fa batlhophi ba mo tlhoka, a kaya fa batho ba Moshupa, batsadi boora Masibi ba sa latlhegelwa ba le bosi mme go latlhegetswe lefatshe ka bophara.
Motsadi go tswa goora Masibi, Rre Selerio Masibi, a re morwa rraagwe o sale a itshupile bonatla a sa le mmotlana.
A re o ne a na le kgwebo ya dinamone e santse e le basimane.
A re e ne e re fa a le mo kgwebong e ya dinamone a bo a sa kake a e neela motho mahala a re ke sone se a feletseng a nna le dikgwebo mo go fatlhogeng ga gagwe.
Mo boemong jwa phathi ya BDP, Rre Lentswe Mosanako, o ne a bolela fa Rre Masibi e ne e le modirela puso pele ga a tsena mo go tsa sepolotiki mme a feta a dira ka natla yotlhe.
A re o ne a direla phathi ka botswapelo ka sengwe le sengwe sa gagwe, a ntsha dikoleke, a fitlha Bakgatla go sa kgathalesege gore ke wa seemo se fe.
Mokhanselara Masibi o tlogela mohumagadi le bana ba le bane, banna ba le bararo le mme a le mongwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ikotlhaeng Rantopele
Location : MOSHUPA
Event : Phitlho
Date : 08 Aug 2021