Breaking News

Mapodise a Ramatlabama a tshwenngwa ke bogodu jwa leruo

07 Aug 2021

Ramapodise a Ramatlabama, Rre Zibani Mbisani a re ba tshwenngwa ke bogodu jwa leruo mo kgaolong eo. 

Fa a buisana le BOPA bosheng, Rre Mbisani o tlhalositse fa lebega gona le bangwe mo kgaolong eo ba ba inaakantseng le go tshidisetsa barui ba kgaolo eo mo kgobedung, ka go utswa leruo la bone, mme ba le tlodisetse kwa South Africa. 

O tlhalositse gore seemo seo gase jese diwelang, a supa fa dipalo tsotlhe tsa leruo le le setseng le utswilwe ele makgolo a mane le masome a marataro le bobedi (462) go tswa ngwaga wa 2018 o simolola, go fitlha ka Phatwe monongwaga. 

Rre Mbisani a re mo palong, go setse go bonwe diruiwa di le masome a robabongwe le motso (91). 

O tsweletse a tlhalosa gore metse ee gaufi le terata ya molelwane, e tshwana le Tlhareseleele, Pitsane le Rakhuna, ke yone e barui ba yone ba tshwenngwang thata ke magodu. 

A re se se ngomolang pelo ke gore diruiwa di utswiwa mo masakeng bosigo di tlhatlhetswe, mme go lebega magodu ao a di thiba go di tlodisa terata ya molelwane, e bontsi jwa nako ba e kgaolang. 

Rre Mbisani a re go lebega dipodi ele tsone di utswiwang ka dipalo tse di kwa godimo gona le dikgomo le dinku. 

Ramapodisi ba atle ba nne lesego ba kgone go bona diruiwa le gone go tshwara magotswana ao ka thuso ya mapodise a South Africa. O boletse fa ba atle ba ntshe mapodise le barui go tsamaela kwa lefatsheng leo segolo jang kwa mafelong a go rekisiwang diruiwa ka palabalo teng. 

O gakolotse barui go nna ba le podi matseba, segolo jang bosigo le gone go rwesa diruiwa tsa bone ditloloko ka gore fa di ntshiwa mo marakeng bosigo ba kgone go utlwa. 

Mo go tse dingwe, Rre Mbisani o supile fa mapodise a tshwere batho ba le babedi bosheng ka bojalwa jo ba neng ba tswa go bo reka kwa South Africa. 

O tlhalositse fa seemo seo se santse se laolesega ka gaba ise ba itemogele dikgang tsa mofuta oo dile dintsi. 

O tlhalositse gape fa batho ba kgaolo eo ka bontsi ba santse ba obamela melawana ya go laola go anama ga bolwetse jwa COVID-19. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : Ramatlabama

Event : Potsolotso

Date : 07 Aug 2021