Breaking News

Magosi a gopola Kgosi Gobuamang

07 Aug 2021

Magosi ka go farologana a supile fa Kgosi Gobuamang Gobuamang wa Bakgatla-ba-ga-Mmanaana a diretse morafe wa gagwe ka botswapelo. 

Fa a bua mo tirelong ya segopotso e e neng e rulagantswe ke magosana a dikgotla tsa Thamaga kwa kgotleng kgolo ya Thamaga ka Labotlhano, Kgosi Kgari III wa Bakwena are Kgosi Gobuamang yo o tseneng mo setilong sa bogosi ka ngwaga wa 2000, o diretse morafe wa gagwe ka natla.

A re mo nakong e a berekileng le ene, o ne a lemoga fa a tshela ka bokoa dingwaga tse tsotlhe tse di masome mabedi le botlhano fa a ntse a le mo setilong.

A re se se nametsang ke gore morafe wa gagwe o ne o mo eme nokeng nako yotlhe, selo se se neng sa mo tlhofofaletsa tiro. 

Mopalamente wa Thamaga/Kumakwane Rre Palelo Motaosane o kaile fa Kgosi Gobuamang a ne a sa rate dilo tse di fapogileng ebile a sa rate go tsenngwa monwana mo leitlhong.

O ne gape a mo kaya fa e ne e le motho yo o neng a rata go fa morafe wa gagwe tlotlo. 

Mopalamente wa pele Rre Leach Tlhomelang o tlhalositse gore Kgosi Gobuamang o tsere setilo sa bogosi jwa Bakgatla-ba-ga-Mmanaana a sena go tlogela tiro mo pusong mo lephateng la temo-thuo ka ngwaga wa 1996.

Le fa go ntse jalo Rre Tlhomelang are go ne ga tsoga modumonyana mme se ga se a ka sa mo kgobera maikutlo ka a ne a itumelela tiro ya gagwe ya go etelela pele morafe wa Bakgatla. 

Kgosi Kgabosetso Mosielele o tlhalositse fa Kgosi Gobuamang e ne e se motho yo o iphitlhang ka monwana.

A re e ne e ere fa a bua selo, a bo a bua a tlhamaletse ebile gape a na le boikarabelo jo bogolo mo morafeng wa gagwe. Are sebe sa phiri ke gore le fa ntswa a ne a eleditse go direla morafe go le go golo, o kgoreleditswe ke bokoa. 

A re mo nakong e ya kutlobotlhoko, ga go na go letswa mogolokwane mo kgotleng go fitlhelela bo kgosi ba rebola se e le sekao sa gore morafe o santse o le mo kutlobotlhokong ya leso la gagwe. 

Kgosi Gobuamang o tlhokafetse Phukwi e le masome mararo le motso a le dingwaga dile 74. O simolotse dithuto tsa gagwe tse dipotlana kwa sekolong se se botlana sa Gobuamang mme a ya go dira tse dikgolwane kwa St. Joseph’s College.

O ne a ya go dira dithuto tse dikgolwane kwa Swaziland le America. O bereketse mo mafelong ka go farologana go fitlhelela a tlogela tiro ka bogodi ka ngwaga wa 1996 kwa lephateng la temo thuo.

O bolokilwe mo Thamaga ka Matlhatso (Phatwe7).  Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : Thamaga

Event : Phitlho

Date : 07 Aug 2021