Breaking News

kgwebo ya dijo e tshetsa bangwe

05 Aug 2021

Letlhoko la ditiro le le ileng magoletsa mo Botswana le dikgwetho dingwe tsa botshelo, di rutile tsa bo tsa gwetlha batho ba le mmalwa go itshetsha ka go apaya dijo ba di rekisa fa tlhoko ga ditsela.

 Monni wa Paje, Mme Gladys Aleseng, wa dingwaga tse di masome a mararo le bosupa (37), ke mongwe wa ba ba itshetsang ka kgwebo ya go apaya le go rekisa dijo fa thoko ga tsela.

Mme Aleseng a re o simolotse kgwebo ya gagwe ka 2018, ka go rekisa mmidi, o a neng ao o reka mo dipolaseng ka go farologana, mme a tswelela a godisa kgwebo ka go oketsa tse a di rekisang. 

O tlhalositse fa bareki ba ne ba mo kgothatsa go godisa kgwebo ka go mo gakolola gore o ka simolola go apaya borotho le serobe, mme a dira jalo a nna a bona dipoelo tse di namentsang. Mme Aleseng, a re o ne a tswelela ka go godisa kgwebo a itebaganya le go apaya dijo tse di mefuta, mme  thata a remeletse mo dijong tsa Setswana.

 Dijo tse di fitlhelwang ko marekisetsong a ga mme Mme Aleseng a a tlwaelesegileng ka leina la ‘Ko Motswereng Kitchen’, di akaretsa bogobe jwa lerotse, phaleche, seswaa, mokoto, lehata, morogo wa dinawa, koko ya Setswana le tse dingwe. 

Pele ga bolwetse jwa COVID- 19 jo bo apesitseng lefatshe koba ka ka letshoba, Mme Aleseng a re kgwebo ene e dira botoka fela thata, a bo a nna le bangwe ba a ne a tlhakanela kgwebo le bone ebong Mme Onkgopotse Rapontsho o dingwaga di masome a mararo le bone (34), le Rre Kabelo Keletso o dingwaga tse di masome a mane (40).

 A re kgwebo e dira botoka mme e rotloediwa ke banni ba motse wa Paje, le bafiti ka tsela e yang ntlheng ya Letlhakane-Orapa. A re go phadisana ga dikgwebo ke nngwe ya dikgwetlho, a tlhalosa gore nako tse dingwe kgwebo e ya ko godimo fa nako dingwe e sa nametse ka ntlha ya phadisano.

 Mme Aleseng o supile fa a ne a kile a ikgolaganya le ba LEA, ba ba thusang dikgwebo potlana ka madi a kanang ka P1000, go tokafatsa kgwebo ya gagwe ee babaletsweng ke manokonoko a COVID-19. A re kgwetlho e nngwe ke gore ba nna ka letshogo la gore khansele e ka nna ya ba sutisa nako nngwe le nngwe, ka ba sena  lefelo la go rekisa, mme ba nale teseletso. Mme Aleseng o wetsa ka gore ditoro tsa gagwe le badiri ka ene ke go bona nako ngwe ba na le madirelo a matona a dijo mo lefelong la sennela ruri.  

Mogwebi yo mongwe o o itebagantseng le kgwebo ya dijo, Rre Malaki Disang, o dingwaga tse masome a mane le bobedi (42) yo o tlholegang mo Serowe kwa kgotleng ya Ramogate, o tlhalositse fa a ne a bereka kwa Kasane ele  moapei mo komponeng nngwe. 

A re o similotse kgwebo ya gagwe ya go rekisa dijo kwa Serowe mo thoko  ga tsela e tona e yang Serowe- Orapa ngwaga  o no, ka kgwedi ya Hirikgong morago  ga go tlogela tiro kwa Kasane mabapi le kgwelo tlase ya tsa bojanala ka lebaka la  segajaja sa COVID-19.

Rre Disang le ene o itebagantse le go apaya dijo tsa Setswana ka go farologana.  O tlhalositse fa a simolotse kgwebo ya gagwe ka madi a kana ka P500, mme a re o dira dipoelo tse di botoka, mo a kgonang go ipolokela bontlha bongwe jwa tsone.   

O tlhalositse fa ene a ise a itemogele dikgwetlho dipe tse di kalo, ko ntle ga go phadisanya le dikgwebo tse dingwe, tse di golang mo tikologong ea rekisetsang mo go yone. O weditse ka go tlhalosa gape gore kgwetlho e ngwe ke ka nako ya dipula  ka a apeela mo lefelong le le bulegileng, go sena se se ka mo sireletsang. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Ookeditse Kamogelo

Location : Serowe

Event : Polelo

Date : 05 Aug 2021