Balemi ba baakanya ditsela
04 Aug 2021
Banni ba Nlapkhwane kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba ba simolodisitse lenaneo la go rema ditlhare mo ditseleng tse di yang kwa masimo go baakanyetsa paka e e tlang ya temo.
Mo potsolotsong, Kgosi Mukani Mudongo, o tlhalositse fa banni ba dikgotlana tsa Phandu, Nyoke le Thonongola ba ithaopile go baakanya ditsela go tlhofofatsa metsamao ya batho le dikoloi.
A re ba lemogile fa di dirisiwa dingwe tsa balemisi di le ditona, ka jalo go nna dingalo gore di goroge kwa masimo mangwe, a ditsela tsa one di leng ditshesane.
O lebogetse morafe go tsibogela go rema ditlhare le go thiba mesele, a tlhalosa fa ditlhare di godile thata monongwaga ka ntlha ya pula e ntsi ngogola.
A re go le gantsi batho ba emela gore puso e tswe ka mananeo a go thusa go rarabolola dikgwetlho, ka jalo a bua fa go itumedisa go bona banni ba tshegeditse mowa wa boithaopi.
Kgosi o tsweletse ka go supa fa a eletsa gore mowa o wa boithaopo o atlege le go goroga kwa dikgotlaneng tse tharo tse di setseng.
O boletse fa batho ba ne ba lemile mo go tlhatswang pelo ngogola, ebile ba robile thobo e nametsang, segolo thata lebelebele, a bolela fa balemi ba ba botlana ka bontsi ba kgonne go roba dikgetsi di le masome a mabedi tsa lebelebele.
Kgosi Mudongo a re balemi ka bontsi ba dikile ba jesa malwapa a bone thobo e tswang kwa masimo a bone, go na le go reka mo baleming ba bangwe jaaka e le tlwaelo.
Le fa go ntse jalo, Kgosi a re o tshwengwa ke go sa tlhokomelwa ga leruo mo Nlapkhwane, mo le felelang le senya mo masimong a batho, a tlhalosa fa se se baka dikgotlhang mo motseng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Ikgopoleng
Location : Nlapkhwane
Event : Potsolotso
Date : 04 Aug 2021