Melemo e tlaa goroga mo bogautshwaneng
04 Aug 2021
Tona wa Botsogo le Boitekanelo, Dr Edwin Dikoloti, a re puso e na le thulaganyo ee tsepameng go bona gore mekento ya COVID-19 e goroga mo nakong ee sa fediseng pelo.
Fa a lekodisa ka theko le go goroga ga melemo mo Gaborone ka Laboraro, Dr Dikoloti o boletse fa puso e tlhaloganya gore Batswana ba letile mekento
A re le fa go ntse jalo, Botswana o beeleditse theko ya melemo mo masakaneng a mafatshe a farologaneng jaaka Covax, a tlatsa ka gore ba na le ditumalano dingwe tse di kgethegileng le mafatshe gore ba ba abele melemo.
O tlhalositse seo ke sesupo sa gore puso e tshwenyegile thata ka fa Batswana ba tsenwang ke mogare wa corona ka teng, mme e bile ba tlhoka mekento gore o ba tlhofofaletse bokete jwa bolwetse.
Dr Dikoloti o ne a tlhalosa fa lefatshe le dira bojotlhe go batla melemo, mme a re madiadia mangwe ke one a ba ememg pele a tlatsa ka gore puso ga ya iketla, a ba a rurafatsa gore mo nakong e sa fediseng pelo, mekento e tlaa goroga.
Dr Dikoloti a re tiego e tsalwa gape ke gore mafatshe aa dirang melemo a lebelela seemo sa mogare mo mafatsheng a bone pele, mme fa se sa ba ema sentle ba dirisa melemo ya bone, ka moo mafatshe a solofeditsweng a sale mo legoeleleng.
Dr Dikoloti o ne gape a re mahatshe aa dirang melemo, a aba melemo a lebeletse le bokete jwa dintsho tsa mafatshe, ka jalo a re ke ka moo mafatshe a mangwe a bonang melemo ka gore palo ya baswi ba bone e kwa godimo.
Le fa go ntse jalo, tona o tlhalositse fa melemo ka bonsti e solofetswe go goroga mo kgweding eno, a supa fa ba emetse molemo wa Astrazeneca o le 38 400 mo bofelong jwa beke ka Sontaga, gore batho ba ba neng ba ise ba tseye lemao la bobedi ba thusiwe.
A re Covax e solofeditse melemo ya sDinovac e le 16 000 fa Johnson & Johnson e ba solofeditse melemo e le 93 000 kgwedi eno. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lesedi Thatayamodimo
Location : Gaborone
Event : Tekodiso
Date : 04 Aug 2021