Monana o rotloetsa boikarabelo
04 Aug 2021
Mogwebi wa bonana kwa Tsabong, Mme Ophadile Megano, a re go tsamaisa kgwebo go tlhoka boikarabelo.
Mogwebi yo, ke mongwe wa banana ba ba thusitsweng ka madi ke lenaneo la Youth Development Fund (YDF) go simolodisa kgwebo.
O gakolotse banana botlhokwa jwa go dirisa madi ka boikarabelo, go tokafatsa matshelo a bone.
A re le fa puso e tlhaelelwa ke madi ntateng ya go tlhagoga ga segajaja sa COVID-19, go botlhokwa go dirisa lemmenyana le ba le fiwang ka botlhale.
Fa a bua mo potsolotsong ka Laboraro, monana yoo wa dingwaga tse di masome mabedi le bosupa o boletse fa a simolodisitse kgwebo ya Phadi’s Laundry Services e e digelang ngwaga e bereka.
A re tiro ya gagwe ke go tlhatswa diaparo, dikobo le ditlhako, mme seo o se kgonne ka thuso ya P100 000 ngogola.
O tlhalositse gore go adimiwa madi go simolodisa kgwebo ke sebaka se monana mongwe le mongwe a tshwanetseng go se tsaya ka tlhwaafalo go fokotsa letlhoko la ditiro, go iphira le gone go tokafatsa botshelo.
Mme Megano a re mo dikgweding tsa ntlha tse tharo fa a simolola go ne go le thatanyana, a sa bone dipoelo, a jela mo ganong madinyana a tsenang ka ene e le lantlha a tshwara madi a kalo.
“Morago ke ne ka itlharabologelwa, mme ka ithutuntsha go tsamaisa dibuka tsa kgwebo le go boloka madi,” ga tlhalosa Mme Megano.
A re kwa tshimologong bontsi jwa banni ba Tsabong ba ne ba sa tlwaela go tlhatswediwa, mme jaanong ka bonya-ka bonya ba simolotse go lemoga botlhokwa jwa se a se dirang.
Mo maitekong a go atolosa le go kabakanya metswedi ya go tsenya madi, Mme Megano o ne a dirisa bontlha bongwe jwa dipoelo go simolodisa kgwebo ya dikoko tsa nama, e le yone e tsweletseng sentle.
Mme megano a go go dirisa madi sentle go mo thusitse go reka koloi, e thusang thata mo tsamaisend dikgwebo tsa gagwe.
Le fa go ntse jalo, Mme Megano a re ga a ipone tsapa, ka jalo o tsweletse ka go loga maano a ka thusang go tokafatsa kgwebo le gore e itshetlele mo dikgwetlhong tse di tshwanang bolwetse jwa COVID-19.
A re go tlhagoga ga bolwetse, ke lengwe la mabaka a amieng kgwebo ya gagwe. O supile gore bontsi ba badirisi ba ditirelo tsa gagwe ke babereki, ka jalo maiteko a dirisiwang go laola segajaja a dira gore bangwe ba theogelele kwa lwapeng, ka jalo ban ne le nako a ntsi ya go suga-suga diaparo, seemo se se amilweng kgwebo ya gagwe fela thata.
Sengwe sa dilo tse di kgoreletsang kgwebo ya ga Mme Megano ya go tlhatswetsa batho ke kgaogo ya motlakase, mme are maikaelelo ke go reka generator go tsamaisa dimechine tse di tlhatswang fa motlakase o kgaogile.
Go tlhatloga ga ditlhwatlhwa tsa melora e dirisiwang go tlhatswa le gone go kokonela kgwebo ya ga Mme Megano.
O tsweletse ka go rotloetsa banana go itse gore go neela tshwene marapo ga gona go ba tswela mosola mo matshelong a bone.
A re go botlhokwa gore ba dirise ditalente tsa bone go itshetsa, a tlatsa ka gore ba dirise mananeo a puso a thusang ka kadimo ya madi.
O tsweletse a re banana ba tshwanetse ba ikitaa ka thupana, ba eme ka dinao go simolodisa dikgwebo le go itlhamela ditiro. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : Tsabong
Event : Polelo
Date : 04 Aug 2021