Kgosi o ngongorega ka dituelo
03 Aug 2021
Kgosi wa motse wa McCarthy’s Rust mo Kgalagadi Borwa, Kgosi Jonny Engleburg o ngongorega ka dituelo tsa bereki ba lenaneo la Ipelegeng.
Mo puisanong le ba BOPA bosheng Kgosi Engleburg o supile fa babereki ba sa duelwe ka nako ka jaana ba Botswana Post ba sa ba itsise nako e sale teng gore ba ipaakanyetse dikamogelo.
Ka jalo o kopile badiri ba poso go dirisana sentle le boeteledipele jwa motse oo mo go tsa dituelo tsa banni.
A re seemo seo se dira gore bangwe ba felele ba patelesega go latela madi kwa Tsabong ntswa poso e filwe boikarabelo jwa go isa dituelo tseo kwa bathong.
O tlhalositse fa se e le kgwetlho mo go bone ka jaana go sena dipalamo tsa setshaba go ya kwa Tsabong, selo se a reng se ba tsenya mo diphatseng ka ba felela ba kopa thuso mo dipalamong tsa beng.
O ne a supa fa bosheng jaana go ne ga nna le kotsi e e masisi mo tseleng eo e e neng ya gapa matshelo a batho ba le bane ba ba neng ba tsere mosepele go ya go amogela kwa Tsabong.
O kaile fa tiragalo eo e tlogetse banni ka letshogo le kutlobotlhoko, a tlatsa ka gore se ke tatlhegelo e kgolo mo morafeng wa gagwe o o palo potlana.
Moanamisa mafoko wa Botswana Post, Mme Tshepo Maphanyane o tlhalositse fa maikaelelo a bone e le go duela badiri ba Ipelegeng ka nako, ebile ba duelwa botlhe gongwe le gongwe kwa ba leng teng mo metseng e ba duelang mo go yone.
Mme Maphanyane a re go botlhokwa gore badiri ba poso ba dirisane sentle le ba komiti ya ditlhabololo tsa metse le dikgosi go ba itsise ka nako gore dituelo tsa badiri ba Ipelegeng tsa kgwedi le kgwedi di tla tla leng.
Go le pele, Kgosi Engleburg o ne a ngongorega ka lefelo le go duelelwang mo go lone, mme Mme Maphanyane a tlhalosa fa badiri ba poso ba duelela ba Ipelegeng kwa mafelong a ba tlhomamisitsweng gore a sireletsegile ka jalo ba duelela mo diofising tsa VDC kwa motseng oo ba sireleditswe ke mapodisi.
Le fa go ntse jalo, Mme Maphanyane a re dingwe tsa dikgwetlho tse di bakang tiego ke tlhaelo ya badiri ka lebaka la go gola ga dipalo tsa go anama ga mogare wa bolwetsi jwa COVID-19. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : McCATHY’S RUST
Event : Potsolotso
Date : 03 Aug 2021