Barui ba tlhagisiwa ka borai jwa mogau
03 Aug 2021
Barui ba kopilwe go nna podi matseba, bogolo jang ka nako ya phetogo ya dipaka tsa ngwaga.
Mo potsolotsong ka Mosupologo, mogolwane yo o itebagantseng le botsogo jwa leruo kwa lephateng la veterinary services, Dr Obakeng Kemolatlhe, a re fa dipaka di fetoga bogolo jang ya selemo go tsena mariga, bojang bo simolola go setlhafala, ka jalo setlhatshana sa mogau sone se tswelele se nne setala mme se kgatlhe leruo bogolo jang dikgomo.
A re mo Botswana setlhatshana se se bonala thata mo dikgaolong tsa Ngami, Ghanzi le mo mafelong mangwe a a motlhabana jaaka kwa Dibete le bontlha bongwe jwa kgaolo ya Kgatleng.
Dr Kemolatlhe a re mogau ka nako tsa mariga o nna motala thata ka lebaka la gore o na le medi e metelele e e tsayang metsi kwa tlase ga lefatshe.
A re se se felela se baya dikgomo ka fa mosing ka jaanong di helela di batla botalanyana joo.
A re mogau o bolaya dikgomo thata go feta dihutshane mabaka e le gore dihutshane bontsi jwa nako di hula ditlhatsana go na le bojang ka jalo di felele di falola mamba oo.
Dr Kemolatlhe a re se morui a tshwanetseng go se dira fa dikgomo tsa gagwe dijele mogau ke go di tima metsi malatsi a ka nna mabedi ka gore fa kgomo ya go nna jalo e nwa metsi e felela e buduloga mpa mme e swe.
A re dipatlisiso di supa fa botlhole bo tsaya dioura tse nne go ya go tse di masome mabedi le bone mo seruiweng, a tlhalosa gore go di tima metsi mo nakong eo go thusaa go fokotsa dintsho.
Dr Kemolatlhe a re go nyeletsa mogau ke kgwetlho bogolo jang mo mafulong a a kopanetsweng ka gore ga gona katologanyo ya mafudiso.
A re mo dipolasing go botoka ka fa ba hapaanya mafulo mogau o kgona go tla o fetwa ke tlhaga e bo dikgomo di sa kgone go o fula.
A re tiriso ya dichefi kana botlhole ga e letlelelwe ka gore di ka bolaya boleng jwa tikologo le diphologolo tse dingwe.
Dr Kemolatlhe a re mogau o thata go epiwa ka medi ya teng e tsenelela kwa tlasetlase ga lefatshe, a tlhalosa gore le dikala tsa one fa di wela fa fatshe di boa ditlhoga medi gape.
O kopile barui go emisa go hudusa dikgomo ka nako tsa mariga ka gore dikgomo tse di goletseng mo kgaolong e e senang mogau di tshabelelwa ke go o ja fa di goroga kwa mahelong a a nang le mogau ka di a bo di sa o itse. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Aubrey Maswabi
Location : Gaborone
Event : Potsolotso
Date : 03 Aug 2021