Breaking News

BOCRA e aba dibipa nko le molomo

03 Aug 2021

Mogolwane wa lekalana le le laolang ditlhaeletsanyo la BOCRA, Rre Galeboe Mmelesi, a re bana ba tshwanetse go sirelediwa kgatlhanong le COVID-19.

Rre Mmelesi o buile se ka Mosupologo kwa Mookane kwa kgaolong ya Legare fa lekalana leo le ne le abela sekole se segolwane sa Mookane di bipa nko le molomo ga mmogo le di bolaya mogare. A re se ba se dirang ke lerato, ka jaana ba thusa go hema bolwetse mo baneng. 

Sekole se abetswe di bipa nko le molomo di le 1 622 le sekupu sa sebolaya mogare sa 25litres. 

Fa amogela dimpho, Kgosi Moloi Bakwena wa Mookane o supile fa go thusa mo thutong ya bana e le selo se se botlhokwa. 

A re mo nakong ee tlang mongwe wa bana mo sekoleng o ka nna moeteledipele gone kwa lekalaneng leo.

Mogokgo wa sekole sa Mookane JSS, Rre Terence Seitiso, o tlhalositse fa baithuti ba le makgolo a mabedi, masome a mane le bobedi ba ne ba tshwarwa ka mogare wa COVID-19, ga mmogo le barutabana ba le batlhano le babereki ba mo sekoleng ba le babedi.

O supile gore fa dikolo di ya go tswalwa ba ne ba na le baithuti ba le babedi fela ba ba iphaphileng ka ntlha ya mogare. 

Rre James Mooketsi go tswa kwa BOCRA a re leeto la bone ga le felele mo Mookane, mme ba tlaa bo ba tsweletse ka go thusa dikole tse dingwe.

A re di bipa nko le molomo tseo di lekane moithuti mongwe le mongwe le badiri botlhe mo sekoleng. 

Mokhanselara wa kgaolo ya Mookane, Rre Thebe Setlalekgosi, o lebogetse se BOCRA e se dirileng mo motseng wa bone ka jaana motse o na le letlhoko le lentsi.

O kopile gore barutabana ba potlakelwe go thusiwa ka go setse go nnile le dipalo tsa barutabana ba ba latlhegetsweng ke matshelo ka ntlha ya segajaja se. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Pulamoeng

Location : Mookane

Event : Kabo dibipa molomu le nko

Date : 03 Aug 2021