Breaking News

Lephata le dira ka natla mo go tsa botsogo

02 Aug 2021

Lephata la Botsogo le Boitekanelo le dira ka natla go atametsa ditirelo tsa botsogo kwa setshabeng.

Tona Edwin Dikoloti a re maikaelelo magolo ke go ipaakanya gore fa malwetse a mangwe a ka tlhagoga, a fitlhele seemo sa ditirelo tsa botsogo se tokafetse e bile se itshetletse.

O buile jalo mo potsolosong morago ga leeto la gagwe la dikokelo le dikokelwana tsa kgaolo potlana ya Mahalapye ka Tshipi. 

“Re ithutile re le lephata le puso gore dikgwetlho tsa go tlhagoga ga malwetse di tlaa nna di ntse di le teng, mme fa di nna teng re tshwanetse gore re nne re le malalaalaotswe gore nako nngwe le nngwe fa bolwetse bo tlhagoga bo fitlhele re ipaakantse. 

Ke ka moo, re boneng gape le botlhokwa jwa go soboka pabalesego ya botsogo ba setshaba, leruo le tikologo ka gore go dira jalo go ka tokafatsa seemo sa botsogo,” ga bua Dr Dikoloti.

Tona Dikoloti o ne a etela dikokelwana tsa Mosolotshane, Sheleketla, Kodibeleng, Otse, Mokgenene, Poloka le Dibete.

“Re le lephata la botsogo re tokafaditse tsamaiso ya rona ya go isiwa ga ditlamelo tsa botsogo kwa setshabeng ka go fudusetsa ditirelo le bodiredi jo bongwe kwa dikgaolong gore setshaba se kgone go bona dithuso tsa botsogo ka potlako,” a tlhalosa.

Fa a ntsha la gagwe, mothusa mokwaledi wa Botsogo le Boitekanelo, Dr Tshepo Machacha o gateletse botlhokwa jwa gore setshaba se tseye maikarabelo ka botsogo jwa sone ka go tshwaraganela tsa botsogo le badiri. 

Ka jalo, o rotloeditse boeteledipele jotlhe jo bo mo kgaolo-potlana ya Mahalapye le badiri ba botsogo go nna le tirisano e e lebaneng mo go babaleleng matshelo a setshaba.

Mo go tse dingwe, Dr Machacha o supile ngongorego ka batho ba ba sa obameleng melawana ya COVID-19 a re twantsho kanamo ya mogare wa corona e ka kgonafala fela fa mongwe le mongwe a ka tsaya ka tlhwaafalo ditaelo tsa itshireletso tse di beilweng ke ba botsogo. 

A re ba tshwenngwa ke batho ba ba santseng ba tsamaya mo setshabeng ba sa rwala dibipa dinko le melomo ka fa tshwanelong, a re seo se baya matshelo a bone le a ba bangwe mo diphatseng.

“Mo nakong ya gompieno, re tshwanetse rotlhe re itse jaanong gore ke moila gore nko kgotsa molomo wa gago o bonwe mo setshabeng. 

Fa o ka ipona fela o santse o tsamaya mo setshabeng o sa ipipa nko le molomo ka fa go tshwanetseng, o itse fela gore o buletse go tsenwa ke mogare wa Corona kgotsa go o anamisa,” a gatelela.

Mookamela kokelo ya Mahalapye, Dr Maxwell Mungisi o tlhalositse fa tshoboko ya dipalo tsa batho ba tsenweng ke bolwetse ba COVID-19 mo kgaolong-potlana ya Mahalapye di le 6 999.  A re mo go tsone dipalo tseo ba le 5 741 ba setse ba fodile fa ba le 78 ba tlhokafetse. 

Dr Mungisi o supile gape gore go gatisitswe dipalo tse dintsha di le 126,  fa batho ba le 1 132 ba ise ba fole, e bile ba ka o anamisa. 

Fa a lebogela loeto la ga Tona Dikoloti, Mopalamente wa Shoshong, Rre Aubrey Lesaso o supile fa a itumetse e bile a na le tshepo ya gore tona o tlaa tlhomamisa gore dikgwetlho tse di lebanweng ke badiri ba botsogo di arabiwa mo nakong e e sa fediseng pelo ka a kgonne go iponela le go ikutlwela matshwenyego a bone.

Rre Lesaso o ne a re o itumelela go agiwa ga dikokelwana tse di kgolwane kwa Kodibeleng le Dibete selo, se a neng a re se tlaa thusa mo go tokafatseng tlhaelo ya ditlamelo tsa botsogo mo kgaolong ya gagwe ya botlhophi.  

Le fa gontse jalo, a re o eletsa go bona kokelo ya Shoshong le yone e atolositswe ka le yone e thusa palo e ntsi ya batho. Mo godimo ga moo, Mopalamente Lesaso o tlhalositse fa a santse a tshwenngwa ke letlhoko le letona la dikoloi mo dikokelwaneng, a re se se kgoreletsa go isiwa ga ditlamelo kwa setshabeng, bogolo jang se se nnang kwa dipolaseng. 

Selo se, a re se a tshwenya ka jaana setshaba se felela se sa kgone go akola dithuso , tse di maleba, tsa botsogo ka nako. 

BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lorato Gaofise

Location : Mahalapye

Event : Potsolotso

Date : 02 Aug 2021