Breaking News

Mokgatlho wa o abela kgotla ya Lephepe motshine

02 Aug 2021

Mothusa kgosi wa Bakwena, Kgosi Lawrence Mohaladi, o rotloeditse mowa wa boithaopo mo go tlhabololeng matshelo a batho.

O buile jalo fa a amogela mpho ya motshine o o gatisang le go ntsifatsa dipampiri, o o neng o abelwa kgotla ya Lephepe ke setlhopha sa bomme ba le lesome le botlhano. 

A re motshine o o tlaa solegela motse molemo le gone go thusa maphata a puso.

 Kgosi Mohaladi o kopile le go rotloetsa tiriso ya motshine oo go fokotsa letlhoko la ditlamelo tse gantsi di bonalang mo diofising tsa makgotla a morafe. 

Mongwe yo o tlogetseng tiro ya borutabana ka bogodi, Mme Gosego Motsopa le ene o ne a leboga setlhopha sa bomme  ba eleng bana ba Lephepe, mme ba direla kwa mafelong a farologanyeng. 

Mme Motsopa a re bomme bao ba supile fa ba na le maikaelelo a go lomagana le go itebaganya le dikgwetlho tsa motse wa bone. 

Fa a bua mo boemong jwa bomme bao, Mme Basadi Lebati, yo eleng mooki kwa Molepolole, o tlhalositse fa ba tsere boikarabelo jwa go abela kgotla ya Lephepe motshine oo ka go lemoga bothata jwa yone mo go abeleng morafe ditirelo.

O file sekai ka seemo sa nako eno se se akaretsang go ntshiwa ga di teseletso tsa mosepele go gore go kgoreletsa morafe go thusiwa ka potlako ka ntlha ya go palelwa ke go ntsifatsa dipampiri.

Mokhanselara wa kgaolo ya Loologane/Boatlaname, Mme Elisa Kelotlegile, o akgotse maiteko a bomme, a tlatsa ka go kopa tshwaragano le neelano mo go tsweng ka methale ya go tlhabolola Lephepe. 

O bile a kgothatsa batsadi go tsaya boikarabelo jwa go tlhokamela bana jaaka fa dikole di tswetswe, go hema kanamiso ya bolwetse jwa COVID-19, jo a kaileng bo amile Lephepe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : Lephepe

Event : Kabo mpho

Date : 02 Aug 2021