Solity We Care e thusa motse ka moriti
02 Aug 2021
Mokgatlho wa Solity We Care kwa Mosolotshane o akgoletswe go supa lerato le go dira pharologanyo mo matshelong a banni bangwe.
Se se builwe ke Kgosi Tsietsego Molefhi ka Labotlhano fa mokgatlho o abela motse moriti fa maemelong a dipalamo.
Kgosi Molefhi a re banana ba dirile seo go supa gore ba na le lerato mo motseng wa bone.
A re ga se la ntlha mokgatlho o thusa mo motseng mme a lebogela se ba se dirang.
Kgosi Molefhi o rotloeditse banana ba mokgatlho o go tswelela ba thusa motse wa bone, are ba seka ba kgobega marapo.
O tsweletse ka go rotloetsa morafe go rapelela lefatshe leno ka le tlhasetswe ke segajaja sa COVID-19.
Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Nkitso Keikwale, a re maikaelelo a banana ba mokgatlho o e ne e le go dira meriti e le mebedi mme ka ntlha ya dikgwetlho ba kgonne go dira o le mongwe fela.
A re moriti o tlaa thusa ba ba emetseng dipagamo mo dipakeng tsa seemo sa bosa tse di sa itumediseng jaaka letsatsi le pula.
Moanamisa mafoko wa mokgatlho wa Solity We Care, Rre Meshack Disang, a re ba tlhamile mokgatlho o ka ngwaga wa 2019 ba lemoga fa motse wa bone o kgaoganngwa ke dintwa tsa sepolotiki le kgwele ya dinao, ka jalo ba lemoga botlhokwa jwa go tsisa banni mmogo.
A re mokgatlho wa bone o kile wa abela ba ba thokileng lesego dijo.
Rre Disang a re o lebogela gore ba kgonne go wetsa tiro e ka e ne e na le dikgwetlho.
O supile fa ba lebogela seabe sa ga Rre Benny Mhike yo o ba thusitseng ka go ba direla moriti o kwa ntle ga dituelo dipe.
Fa a aba moriti o, modulasetilo wa mokgatlho wa Solity We Care, Rre Mompoloki Lekwale, o kopile komiti ya ditlhabololo tsa motse go kopa marekisetso go baya dipampiri tsa bone tsa ipapatso fa moriting o, gore komiti le yone e tsenye madi.
Mokhanselara wa kgaolo ya Mosolotshane/ Moralana, Rre Kesebelwang Gaorongwe, a re ditiro tsa motse di tshwanetse tsa tshwaraganelwa ke bothe go sena dikgang tsa polotiki.
O kopile batsadi gore le bone ba latlhele sengwe mo letloleng la mokgatlho e le sekao sa gore batsadi ba kgathala ka se banana ba se dirang.
Rre Gaorongwe o lebogetse banana ba mokgatlho ka se ba se dirileng a supa gore mokgatlho o ne o ralala dikgwetlho dile dintsi mme ka ba ne ba ikiteile sehuba ba kgona. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Pulamoeng
Location : Mosolotshane
Event : Kabo moriti waboemelo
Date : 02 Aug 2021