Babereki ba kopiwa go dira ka natla
02 Aug 2021
Tona wa Botsogo le Boitekanelo, Dr Edwin Dikoloti, o rotloeditse badiri ba botsogo ba kgaolo potlana ya Mahalapye go dira ka natla mo dinakong tse di thata tsa segajaja sa COVID-19.
Tona Dikoloti o buile se ka Matlhatso mo leetong la gagwe la go lekola seemo sa dikago tsa botsogo le badiri kwa kgaolong potlana ya Mahalapye.
Tona o ne a etela dikokelwana tsa Kalamare, Mmutlane, Bonwapitse, Tobela le Shoshong, gammogo le dikokelo tsa Mooko Primary Hospital le Mahalapye District Hospital.
Dr Dikoloti o ne a rotloetsa badiri go dira ka natla mo go kenteleng setshaba bolwetse jwa COVID-19, a tlatsa ka gore go solofetswe melemo e mengwe go goroga kgwedi e.
A re maikaelelo a leeto la gagwe ke go lekola seemo sa dikago tsa botsogo le go ikutlwela dikgwetlho tse badiri ba lebaneng le tsone gore a itse kwa letlhoko le leng le tona teng.
“Kgangkgolo ya leeto lame ke go itseela bosupi ka se se diragalang mo maitekong a go isa ditirelo tsa botsogo kwa setshabeng gore fa ke boela kwa palamenteng ke ya go kopa kokeletso ya madi, ke kgone go tlhalosa gore go kgonagetse eng, ga go a kgonagala eng mo tirisong ya madi a a neng a abetswe lephata pele,” ga tlhalosa Dr Dikoloti.
Tona o supile fa a itumeletse ka fa badiri ba fefogelang go kenta setshaba ka teng.
Le fa gontse jalo, o supile fa seemo sa dikago tsa botsogo se tshwenya lefatshe ka bophara, mme a tlhalosa fa lephata le tlaa tokafatsa dikago gore badiri ba berekele fa go kgatlhisang le setshaba se kgone go bona ditirelo mo mafelong a a babalesegileng.
Mopalamente wa Shoshong, Rre Aubrey Lesaso le wa Mahalapye Bophirima, Rre David Tshere, ba supile fa ba itumelela gore Tona Dikoloti o ne a ipha nako go lekola dikago le badiri ba botsogo kwa kgaolong potlana ya Mahalapye.
Ba re leeto la ga tona le a ba nametsa ka gore dikgwetlho tse di ntseng di kgoreletsa mo go iseng ditirelo tsa botsogo ko setshabeng di tlaa bona tharabololo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : Mahalapye
Event : Tekolo dikago
Date : 02 Aug 2021