Breaking News

A botlhe ba rapele - Greef

01 Aug 2021

Baruti le maloko a dikereke tse di farologanyeng ba akgoletswe go tshwaraganela thapelo kgatlhanong le COVID 19.

Mopalamente wa Gaborone Bonnington South, Rre Christian Greef, o akgotse badumedi kwa merapelong ee neng e tshwerwe kwa kgotleng ya Gaborone West bosheng.

 A re go botlhokwa go batla sefatlhego sa Modimo bogolo jang mo nakong e bolwetse bo tsweletseng ka go ama le go gapa matshelo.

A re le ntswa baruti ba farologane ka ditumelo, ba bone go le botlhokwa go tshwaragana go tsibogela kopo ya go rapelela lefatshe le le aparetsweng ke seru.

Mopalamente Greef o kopile setshaba go tsweledisa thapelo ka Modimo a kaile mo lekwalong la ga Jeremiah 29:11 gore o itse megopolo e a e gopolang ka batho, ka ke megopolo ya kagiso.

O ne a kaya fa pelo ya gagwe e rotha madi ke seemo se lefatshe leno le kopaneng le sone mme a kaya gore fa go ka tswelela go bewa merapelo, o dumela fa Modimo o tlaa fodisa batho.

Rre Greef o kopile setshaba go tswelela se rapedisa baeteledipele mo dinakong tse di thata tse.

Fa a afa molaetsa wa thero, moeteledipele wa Lekgotla la African Instituted Churches mo Botswana, Mookami Dr Tebogo Motlhagodi o ne a kopa Batswana go nna le tsholofelo mo Modimong.

Mookami Motlhagodi o kaile gore mo lekwalong la Ditiragalo, Modimo o supa gore ntwa ke ya gagwe ka jalo ba nne ba tshepile ene.

O ne a kaya fa lekwalo le supa gore batho ba seka ba boifa, mme ba rapele e seng go phutha mabogo ka boitlhobogo.

 O supile fa thapelo e goroga gongwe le gongwe go akaretsa le kwa dipateleng tota.

Mothusa ratoropo wa Gaborone, Rre Lotty Manyapetsa, o kgothaditse setshaba go rapela le gone go gakologelwa gore ka nako e thata ya bolwetse jwa HIV/AIDS, Botswana o ne a fenya  ka go nna le tshepo mo Modimong, mme COVID-19 le yone e tlaa fenngwa.

 O kaile fa a gomodiwa ke lekwalo le le supang gore ntwa ga se ya motho mme ke ya Modimo ka jalo tshepo mo go Jehovah e le yone thuso mo nakong tsa tlalelo tsa bolwetse jo.

Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Bakang Segokgo

Location : Gaborone

Event : Merapelo

Date : 01 Aug 2021