Motingwa modiredi wa popota
01 Aug 2021
Mogokaganyi wa ofisi ya ba-na-le bogole kwa ofising ya ga tautona, Rre Thomas Motingwa, e ne e le mogaka yo o neng a sena molekane mo go lweleng ditshwanelo tsa ba-na le bogole.
Rre Motingwa, yo o tlhokafetseng beke ee fetileng, o fitlhilwe kwa Lejwana kwa kgaolong ya Borwa ka Matlhatso.
Mongwe wa ba ba dirileng le Rre Motingwa ke mogokaganyi wa nyeletso lehuma, Rre Montshioa Montshioa, yo a boletseng fa moswi e ne e le modirelapuso yo o neng a tsaya tiro ya gagwe ka tlhwaafalo e bile a itse dikgwetlho tsotlhe tsa ba-na-le bogole.
Rre Montshioa o boletse kwa tirelong ya segopotso mo Gaborone ka Labotlhano fa Rre Motingwa a ne a dira ka gotlhe mo a go kgonang go bona gore mongwe le mongwe wa ba-na-le bogole o a thusega.
O kaile gore motlhala wa gagwe o a bonala bogolo jang mo go ruteng setshaba gore ba-na le bogole ba kgona go dira sengwe le sengwe, ka jalo ba seka ba kgethololwa.
Rre Montshioa o kaile gore moswi e ne e le motho wa batho, a le lerato e bile a kopana le mongwe le mongwe.
Mme Tebogo Mapodise ene o kaile fa Rre Motingwa a mo rutile dilo tse dintsi le gone go nna tlhaga mo tirong.
O kaile gore o ne a le lerato mme a itse go bereka le batho.
A re Botswana o latlhegetswe bogolo jang ba ofisi ya ba-na-le bogole ka a ne a bereka tiro e ka bonatla le botswerere.
Moemela mothusa mokwaledi yo o itebegantseng le tsa dikitsiso le kgaso, Mme Maria Leshongwane o kaile fa Rre Motingwa a ne a nna ka monyenyo ka nako tsotlhe.
O buile fa a ne a dira tiro ya gagwe ya go bereka le ba-na le bogole ka natla, mo go neng ga dira gore mhama o, o itsege thata mo lefatsheng la Botswana ka ditiro tsa gagwe di ne di bonala. Rre Motingwa o tshotswe ka 1971 mme o tlogela mosadi le bana ba basimane ba le bane. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : Gaborone
Event : Segopotso
Date : 01 Aug 2021