Breaking News

Barui ba rotloediwa go tlhokomela leruo

01 Aug 2021

- Barui kwa Mahalapye ba rotloeditswe go tlhokomela leruo go fokotsa dikotsi tsa tsela le gone go hema dikatlholo tsa leruo le le sasankegang.

Se se tlhagogile kwa thuto puisanong e neng e tshwerwe ke ba lephata la ditsela, dipalamo le ipabalelo tseleng bosheng.

Mogolwane wa mapodisi kwa Mahalapye, Inspector Justice Moilwa, a re ke molato gore dikgomo di kgabaganye tsela di sena motho yo o di laolang.

A re mo  ngwageng o o fetileng kgaolo ya gagwe ya NO 16 District e ntshitse dikgomo di le 22 425 mo ditseleng, mme mo go tsone ba kgonne go atlhola beng ba tsone ba le 55.

Rre Moilwa a re monongwaga ba  setse ba ntshitse dikgomo di le 5 438 mo ditseleng, mme go setse go atlhotswe batho ba le 27.

Oo supile gore mo ngwageng o o fetileng go nnile le dikotsi tse di bakilweng ke dikgomo di le 163, mme mo go tsone ga nna le mongwe yo o latlhegetsweng ke botshelo, a le mongwe yo o boneng dikgobalo tse di masisi,  tse 17 tsa dikgobalo tse dipotlana, fa di le 144 ya nna dikoloi tse di senyegileng.

O supile gore monongwaga kgaolo eo e setse e nnile le dikotsi tse di bakilweng ke dikgomo di le 108, mo go tsone dikgobalo tse di masisi di le pedi, fa tse di potlana di le tlhano mme dikoloi tse di senyegileng di le 101.

Inspector Moilwa a re barui ba tshwanetse go tlhomamisa gore leruo la bone le tlhokomelesegile, a ba rotloetsa go tswala dikgoro tse di laolang mahudiso ka nako tsotlhe go itsa leruo go tsena mo tseleng.

Mothusa molaodi wa Mahalapye gape e le modulasetilo wa komiti ya ipabalelo tseleng kwa Mahalapye, Mme Malebogo Ramatu, a re leruo le tsamaya  mo tseleng mme le bake dikotsi.

Modulasetilo a re ba tshwenngwa ke batsadi ba ba letlelelang bana go kgweetsa dikara a re ba di kgweetsa ka lebelo le le kwa godimo selo se se bakang dikotsi.

Mothusa kgosi ya Mahalapye, Kgosi Tshipe Tshipe, a re barua-kgomo ke ba tsaya karolo ba batona mo go tsa ipabalelo tseleng.

 A re o tshwenngwa ke go bo barui ba tlogela leruo la bone mo badiseng ka lebaka le leleele.

Kgosi Tshipe o supile gore badisa ba felela ba sa tlhokomele leruo jaaka go tshwanetse, mme seo se bake gore leruo le felele le tsamaya mo ditseleng.

Moemedi go tswa kwa lephateng la ditima molelo, Rre Moses Grey, a re go nna teng ga molelo wa naga go baka gore leruo le siele mo tseleng.

O kopile barui go somarela tikologo e e leng yone mahudiso a bone, a ba tlhagisa go nna kelotlhoko fa ba dira sepe se se amanang le molelo.

Rre Joseph Setshwane yo e leng motlhatlhobi wa dikoloi kwa lekalaneng la  ditsela, dipalamo le ipabalelo tseleng a re go le gantsi dikoloi tse di dirisiwang kwa masimo le meraka ga di a itekanela go ka tsena mo tseleng, a supa gape gore go le gantsi o fitlhela di sa kgethelwa.

A re badisa ba bona dikotsi tse di diragalang thata go le bosigo ka gore ga baa pare diaparo tse di bonalang, ka jalo a gakolola balemi barui go rekela badisa ba bone diaparo tsa di bonalang fa ba le kgakala bogolo jang bosigo.

Rre Setshwana a re go a tshwenya go bo bana ba neelwa dikara tsa ditonki kgotsa dikoloi gore ba di kgweetse fa ba le kwa merakeng mme a supa fa seo e le molato.

Dikomiti tsa balemi barui di ne tsa gakololwa go fetisetsa molaetsa kwa baruing ba bangwe le badisa ba bone. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Masego Pulamoeng

Location : Mahalapye

Event : Thuto puisano

Date : 01 Aug 2021