Mekento ya COVID-19 e ka dirisiwa mmogo
01 Aug 2021
Dipatlisiso di supa fa batho ba kgona go kentiwa ka molemo wa Pfizer le fa ba kentilwe lantlha ka wa Astrazaneca.
Mothusa mogokaganyi wa lekgotla le le romilweng go lwantsha COVID-19, Professor Mosepele Mosepele, o buile jalo ka Labone fa a lekodisa setshaba ka segajaja se.
O kaile fa dipatlisiso di supile gore go kopanya mekento e, go ka thusa thata mo go timoleng manokonoko a segajaja.
A re fa mogare wa corona o ntse o iphetola, o nna pharologanyo, ka jalo mogare wa ntlha go tsena mo lefatsheng o ne o sa tshelanwe motlhofo jaaka wa Delta.
Professor Mosepele a re Delta e fitlhetse mafatshe a ise a nne le mekento e mentsi ka jalo o ne wa ama batho ka palo e e kwa godimo.
Professor Mosepele o kaile gore nako nngwe go tlaa duwa mo seemong ka ba tsweletse ka go batlela lefatshe mekento.
O gakolotse setshaba go tswelela ba gakololana ka go rwala dibipa melomo, go tlhapa diatla kgapetsa kgapetsa le go katologana.
Professor Mosepele o kopile batho go fokotsa go ya kwa diphitlhong ka dipalo tse dintsi le gone go ja koo ka maikaelelo a go iphemela mo bolwetseng jo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : Gaborone
Event : Tekodiso setshaba
Date : 01 Aug 2021