Breaking News

Barui ba gakololwa go tswakanya dijo tsa leruo sentle

29 Jul 2021

Moeteledipele wa polasi ya dihutshane ya Lobu Rre Geoffrey Balogi o rotloeditse barui go tswakanya dijo tsa leruo sentle go ntsha diruiwa tsa boleng jo bo kwa godimo.

O buile seo mo potsolotsong ka Laboraro ka nako ya fa ba Lephata la Tlhabololo Temo-thuo le Tlhomamiso Dijo ba ne ba boloditse letsholo la go rutuntsha balemi barui ba

Tsabong, Werda, Kokotsha, Makopong kwa masimong a Baksten a a gaufi le Werda go dira lelatswa la Urea Molasses Block le go ba ruta go ela tlhoko gore dipopego tsa kgomo gore a e mo seemong sa go ka goelwa.

Rre Balogi o gakolotse barui go tsaya temo thuo jaaka kgwebo ya sennela ruri ka go dira dijo go tokafatsa boleng jwa dijo tsa leruo.

A re dipaka tsa gompieno ga di tshwane le tsa bogologolo ka di tshabelelwa ke leuba ka jalo balemi barui ba tshwanetse ba nna le maikemisetso a go ntsha dijo gore lefatshe le seka la ikaega thata ka mafatshe a mangwe.

Rre Balogi o tlhalositse gore ba itemogetse fa barui bangwe ba itirela metswako ya dijo tsa leruo mme go botlhokwa go tswakanya dikotla sentle.

A re fa dijo tse di itiretsweng tsa leruo di sa tswakanngwa sentle morui o kgona go nna le ditshenyegelo tse di kwa godimo mme a sa bone dipoelo ka seruiwa sone se tsaya dikotla tse di se tlhokang mme tse dingwe di tsene ka motlhobodika.

Are fa furu e na le dikotla tse di agang mmele di le dintsi dikgomo di kgona go nona, di lebega di le dintle mme di sa tsale kana di nna di holotsa fela ka di a bo di tlhaela dikotla dingwe, ka jalo a gatelela botlhokwa jwa go ela tlhoko dikotla mo metswakong ya dijo tsa leruo.

Rre Balogi a re balemi barui ba tshwanetse ba itse gore ga go a tshwanela go latlhiwa sepe mo masimong mme letlhaka le tshwanetse la silwa la tswakanngwa le dikotla tse dingwe go dira dijo tsa leruo. Gape a re leruo le ka lemelwa dijo ka dinako tsotlhe.

O supile gore dithuto tseo ke tsela nngwe ya lephata ya go diragatsa maikaelelo a ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi ya go tsosolosa mhama wa dihutshane ka go rutuntsha barui go ntsha dihutshane tsa boleng jo bo ko godimo.

Ka jalo a re go botlhokwa gore barui ba tlhatlhelelwe gore ba nne le kitso le itemogelo ya go itirela dijo tsa leruo ebile go dirwe tsotlhe tse di kgonagalang go bona gore barui ba dirisa ditswa-masimong le diruiwa go itshetsa.

Rre Balogi a re barui ba bangwe ba ka rua fa ba bangwe bone ba ka itebaganya le go dira dijo tsa leruo, ba bangwe bone ba rekisa jalo-jalo a tlatsa ka gore mme seo se tlhoka go dirwa ka kelelelo.

O tlhalositse gore matlhabelo a a agiwa kwa Tsabong ka jalo go tlhokega gore barui ba ntshe palo ya dihutshane tsa boleng jo bo rileng, ka dipalo tse di ko godimo gore matlhabelo a bereke nako le nako mme a seka a phutlhama.

Fa a tswa la gagwe, moitseanape wa tlhabololo leruo, Rre Oemeleng Machanang a re barui ba tshwanetse go itse boitekanelo jwa kgomo ka gore bo botlhokwa mo go tsadiseng.

A re fa kgomo e sa itekanela e tsaya lebaka go tsala mme ka tlholego kgomo e tswanetse ya tsala namanyane ngwaga le ngwaga ka jalo morui o tshwanetse go tlhaloganya mmele wa kgomo gape a netefatse gore di nna le mmele gore dipoo di kgone go e goela.

A gakolotse barui gore puso e na le ditirelo tsa boleng go thusa barui go ntsifatsa leruo la bone mme go duelwa P175 ko Ramatlabama gore moroto wa poo o ka sekasekwa ke badiri ba tla ka ditsompelo tsotlhe go kanoka moroto wa poo gore a e a tsala.

O tlhalositse gore morui mongwe le mongwe yo o tlhokang tirelo e o latelwa ko sakeng la gagwe gongwe le gongwe ko a teng.

Moitseanape wa go tswakanya dijo tsa leruo go tswa ko lephateng la dipatlisiso tsa temo-thuo kwa Kang Rre Seboko Molatlhegi a re barui ba tshwnetse go itirela dijo tsa leruo, gape ba rekisetse le ba bangwe gore puso e tswale melelwane go itsa theko ya dijo kwa ntle.

A re ba lephata la gagwe ba itemogetse gore barui ba le bantsi ba saletse kwa morago go itirela dijo tsa leruo ka jalo go botlhokwa go ba rutuntsha.

“Barui ba supile gore ba ntse ba fepa diruiwa dijo mme di sa tswakanngwa sentle ka jalo go botlhokwa go ba rutuntsha, ga tlhalosa Rre Molatlhegi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : WERDA

Event : Potsolotso

Date : 29 Jul 2021