Breaking News

Magodu a dipodi a emetse katlholo

28 Jul 2021

 Melvin Josephs le Bernard Kooreng, ba ba lebisitweng molato wa go utswa dipodi di le 11 tsa mohuta wa Kalahari Red tsa ga Rre Hennie Herbst gaufi le motse wa Machana, ba tlaa atlholwa kgwedi ee tlang e le lesome. 

Banna babedi bao, ba ba neng ba lebega ba tletse boikwatlhao ba bile ba itlhobogile, ba ne ba nna bofefo go dumela fa ba dirile molato oo, mme ba seka ba ganana le mabaka a tsheko a Makasetarata Rre Mpho Setshego a neng a ba a baya pele ka Labobedi Motshegare. 

Ba dumetse gore e ne ya re Kgwedi ya Seetebosigo e le 14, ba nna lekunutu go kgaola terata ya ga Rre Herbst, ka maikaelelo a go mo amoga dipodi tsa gagwe, mme ba dumela gape gore ba dirile seo e se ka fa molaong. 

Basekisiwa ba ne ba tshwarwa malatsi a matlhano morago ga bogodu joo, mme e bile ba setse ba arogane dipodi tseo. E rile a ikuela, Josephs o ne a kopa lekgotla go mo tlhomogela pelo are ene tota e se legodu, mme a ne a raelesegile fela e le lantlha. 

Ka jalo o ne a kopa lekgotla gore le seka la mo isa kgolegelong, a ba a tshepisa gore o bakile. 

“Mongame ke bakile, mme ke batla go tlhamalatsa botshelo ja me gape. Ke dumela thata gore ke tlaa kgona go ipaakanya ka gore ke na le kompone ya kago e e emetseng tiro mo khanseleng potlana ya Hukuntsi, mme fa nka ya kgolegelong ke tlaa senyegelwa ke sebaka se”, ga ipobola jalo Josephs. 

Kooreng, yo le ene a rileng, ke ene yo ba lelwapa la gaabo ba beileng mo go ene, mme e bile mmaagwe e le monalebogole, o ikanne go se kitla a dira molato gape fa lekgotla le ka mo tlhomogela pelo. 

A re o solofetse madi a kadimo mo lekaleng la CEDA go simolola thuo ya dihutshane, mme toro eo ya gagwe e ka phirima fa a ka isiwa kgolegelong. E ne e rile go le pele, mosekisi, Superintendent Isaac Mamadi a kopa paakanyo mo dipampiring tsa tsheko, ka jaana ditlhotlhomiso di ne tsa supa fa banna ba babedi bao ba ne ba utswa dipodi di le 11, eseng 18 jaaka go ne go boletswe pele. 

Banna bao ba tlaa tswelela ba letsetse katlholo ba le mo kgolegelong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : JWANENG

Event : Kgotla Tshekelo

Date : 28 Jul 2021