Mapodisi a tlhagisa ka ipapatso mo maranyaneng
27 Jul 2021
Mapodisi a Serowe a tsibosa setshaba go nna pudimatseba ka manweenwee a dirisang maranyane a Facebook go tseela batho madi ka go ba tsietsa.
Se se tla morago ga gore mme wa dingwaga tse di masome mane le boferabobedi (48) wa Serowe a tseelwe madi aa kanang ka P12 500 ka boferefere morago ga go reka diteseletso tsa go gweba ka dikoloi tsedi rwalang setshaba beke e e fetileng.
Mo potsolosong le mothusa mogolwane wa mapodisi a Serowe, Assistant Superintendent Makgotla Keitshweditse o boletse fa mme yo, a ikuetse mo mapodisng go mo thusa morago ga gotsiediwa ka go rekisetswa diteseletso tsa khombi ee tswang Serowe go ya Palapye le ya Taxi mo Serowe go dirisiwa maranyane ka ipapatso.
O tlhalositse fa mme yo, a ne a setse a ntshitse madi a go reka diteseletso dile pedi ya khombi ee lopileng P6 500 le ya Taxi ee lopileng P6 000.
Rre Keitshweditse o boletse fa Mme yo, a kaile fa morekisi a ne a supa gore o kwa Palapye ebile ke modirelapuso wa lepodisi.
Rre yo, one a tlhalosa fa diteseletso tseo di le kwa go molaodi wa kgaolo potlana ya Serowe yo le ene a neng a di adimile kwa Serowe.
Mothusa ramapodisi o boletse fa rre yo, a ne a laela mme yo go romela madi ka maranyane a ewallet.
A re ntswa le fa ba ne ba buisana ka mogala nako tsotlhe, ba ne ba dumalane go kopana kwa Palapye ka letsatsi le le beilweng mme mongongoregi a fitlhela naga e le tshetlha, mogala o sa tshwarege go supagala o seo mo phefong.
Ere dikgang di eme jalo mothusa rramapodisi a re o tshwenngwa thata ke bontsi ja batho mo Serowe le metse e e mo tikologong ba ba santseng ba sa obamele melawana ya botsogo ya go itsa go anama ga mogare wa COVID-19.
O boletse fa batho bogolo jang banana ba sa rwale dibipa molomo ebile bangwe ba di rwala mo seledung, ba di busetsa fa ba bona mapodisi.
O ngogoregile gape ka badiri kana baapei ba bojalwa ja Setswana ba bidisang majalwa ka bokukuntshwane.
A re ga gona letsatsi le ba sa tshwareng batho ba ba dirileng bojalwa kana ba nwa bojalwa ga mmogo le ja sekgowa.
O boletse fa bangwe ba bone ba ntsha P5 000 wa kotlhao go ne foo mme ba tswelele ka go rekisa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 27 Jul 2021