Breaking News

Lenaneo la ga Tautona le ntsha maduo

27 Jul 2021

E rile fa Mme Gaone Ditshwailwe a itsisiwe fa e tla a nna mongwe wa ba ba tla a nnang lesego la go abelwa phoko ka lenaneo la ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi la go abela barui ba dihutshane diphoko mo ngwageng o o fetileng, a itse gore ditoro tsa gagwe tsa go tlhabolola kgwebo ya gagwe ya dipodi e tla a nna tsa nnete.

Mme Ditshwailwe yo o dingwaga di masome a mararo wa motse wa Mogorosi, o ne a abelwa phoko ya boleng jo bo kwa godimo ya Kalahari Red ngwaga o o fetileng ka kgwedi ya Lwetse.

Gompieno o mo boitumelong jo bogolo ka phoko ya gagwe e setse e simolotse go ntsha maduo ka e setse e na le dipotsane di le tlhano.

A re e rile a sena go e abelwa a e tlhokomela thata ka a itse fa e tla a mo tlhabololela leruo.

A re o setse a le mo lenaneong la go fudusa dipodi tsa gagwe a di isa kwa masimo ka di setse di atile fela thata.

Fa a bua ka leeto la gagwe la thuo ya dipodi, Mme Ditshwailwe a re o simolotse thuo ya dipodi ka ngwaga wa 2016 ka lenaneo la LIMID.

A re o ne a rekelwa dipodi tse di namagadi di le lesome le bongwe le phoko e le nngwe.

A re dipodi tseo di ne tsa simolola go tsala mme tsa ntsifala ka a ne a di fa tlhokomelo e e tshwanetseng.

O tsweletse a re ka nako ya fa a neelwa dipodi, o ne a nna kwa lapeng la ga mmaagwe, mme go ntsifala ga dipodi tsa gagwe ga mmula tlhaloganyo a simolola go akanya sesha. A re o ne a simolola go tlhoa tsebe gore a itse gore ba mananeo a LIMID ba rekelwa dipodi leng mme yare ba mananeo ba rekelwa a ya go rekisa tsa gagwe.  

Mme Ditshwailwe a re fa a sena go rekisa dingwe tsa dipodi tsa gagwe o ne a tlhabolola setsha sa gagwe se a neng a sale a se filwe ke ba lephata la kabo ditsha.

Mo nakong eno o nna kwa setsheng sa gagwe mme o dirile ditlhabololo ka a kgonne go aga bonno, go tsenya pompo, terata le motlakase.

A re dipodi tsa gagwe ke tsone tse a itshetsang ka tsone ka a na le bana mme mo nakong eno dipodi tse ditona di masome a mabedi le bone fa dipotsane di le tlhano.

A re bontsi jwa dipodi tsa gagwe di a dusa mme o solofetse fa dipotsane di tla a oketsega mo nakong e e sa fediseng pelo.

Ka jalo Mme Ditshwailwe a re o mo lenaneong la go kopa ba lephata la banana go mo thusa ka madi go oketsa dipodi tsa gagwe ka a lemoga gore e ka nna tsone tse a ka tswelelang a itshetsa ka tsone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : SEROWE

Event : Potsolotso

Date : 27 Jul 2021