Kgosi ga a itumelele maitsholo
27 Jul 2021
Kgosi Rre Abel Kgaboyarona wa motse wa Thabala a re o tshwenngwa ke maitsholo a banni ba ba sa saleng morago melao ya thekiso ya bojalwa e e beilweng.
Kgosi a re le ntswa go sale go emisiwa thekiso ya bojalwa, go santse go nale batho ba ba tsweletseng ka go apaya ba bo ba rekisa majalwa a Setswana jaaka khadi le mekuru, ga mmogo le ba ba a rekang.
A re batho ba ba apeela majalwa a kwa masimo ba iphitlhile mme ba boe ba a rekisetse teng.
A re bareki le bone ba reka majalwa ao ka bokukuntshwane go tila go bonwa ke ba sepodise.
Kgosi Kgaboyarona o tlhalositse fa se se le botlhabetsi mo maitekong a go lwantsha mogare wa COVID-19 ka jaana kwa majalweng a batho ba fapaanela dikopi tsa bojalwa le metsokwe gape ba nna ba kgotlhagane, selo se a kaileng fa se ka gakatsa kanamo ya mogare.
A re letlhoko la ditiro le kwelo tlase ya itsholelo ga di a tshwanela go nna mabaka a a dirang gore batho ba tlole melao, segolo jang ka lefatshe le lebaganwe ke kgwetlho e kgolo ya COVID-19.
O tlhalositse fa se ebile se ka lere poelo morago mo matshelong a badira-melato ka gore ba kgona go pegwa dikatlholo tse di bokete di akaretsa go lefisiwa madi fa ba ka tshwarelwa melato eo.
Kgosi o tlhalositse fa mapodisi a lwantshana le seemo se mme fela go tlhokana le tirisanyo mmogo ya banni go leka go kganela go anama ga mogare.
A re le fa mapodisi a setse a kile a tshwara badira-melato mme ba ba a atlhola, ga go ise go nne le phetogo e e kalo.
A re batho bangwe fa ba sa bone mapodisi ba tlola molao go akaretsa theko le thekiso ya bojalwa.
Go dira jalo o tlhalositse fa ba a bo ba sa itirele sentle ka jaana ka tlolo molao eo e tsenya matshelo a bone mo diphatseng ga mmogo le a ba malwapa a bone.
O gakolotse banni go nna le maikarabelo le go sala melao ya puso morago.
Kwa motsaneng wa Mabuo gone, Kgosi Rre Ontiretse Godirilweng o supile fa a kgotsofalela tirisanyo mmogo e banni ba nang le yone le barekisi ba bojalwa ja Setswana.
A re tsamaiso ya bone ke gore mongwe le mongwe yo o rekisang bojalwa o tshwanetse go ikwadisa kwa kgosing mme fa go nna le diphetogo tse di amanang le thekiso ya bojalwa, ba a itsisiwe.
A re fa esale go emisiwa thekiso ya bojalwa, ga go ope yo o kileng a tshwarwa a bo rekisa.
Kgosi Godirilweng o akgoletse banni ba Mabuo go obamela molao, a tlhalosa fa se se thusa thata mo ntweng kgatlhanong le bolwetse jwa COVID-19.
E re ka dipalo tsa mogare wa COVID-19 di ile magoletsa mo kgaolong ya legare, Kgosi Godirilweng o rotloeditse banni go tsaya ka tlhwaafalo diatelo tsa ba botsogo le go dira tsotlhe tse di tlhokafalang go ikgapha mo bolwetseng jwa COVID-19. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tefo Rantaung
Location : Thabala
Event : Phuthego Kgotla
Date : 27 Jul 2021