Gaodumelwe o ipela ka kgwebo ya gagwe
26 Jul 2021
Ga e ise e re go bona a fentse lokwalo lwa botlhano (Form 5) a akanye go tsaya tsela e bontsi bo e tsayang ya go ikoketsa. Se se neng sa tla mo tlhaloganyong ya ga Rre Boipelo Gaodumelwe e ne ya nna go simolola kgwebo ya thuo ya dikoko.
E rile go fetsa Tirelo Sechaba ka 1998, ya re fa bontsi jwa balekane ba gagwe ba mo gakolola go kopa diphatlha tsa dikole go tswelela le dithuto, Rre Gaodumelwe (43) wa Serowe a ya le pelo ya gagwe ka a ne a dumela a tlaa atlega mo maikaelelong a gagwe a go rua dikoko tsa nama.
O tlhalositse fa kgwebo ya gagwe a e simolotse mo lwapeng ka e ne ya re go fetsa Tirelo Sechaba, a fitlhela mmaagwe a ruile dikoko tsa nama mme a buisana nae gore a mo neele kgwebo a e tsweledise.
A re o ne a simolola ka go tlhabolola ntlo e a ruelang mo go yone ka madi a neng a a beile fa a le kwa Tirelo Sechaba.
Rre Gaodumelwe a re o simolotse ka lekgolo la dikoko mme mo nakong eno, o kgona go tlhatlhela makgolo a matlhano, phitlhelelo e a e kgonneng ka go nna le lorato lo lotona mo thuong ya dikoko, lo lo dira gore a kgothale abo a nne le tsholofelo.
Sepe se a se dirang a re o akanya dikoko tsa gagwe, gore a di tlhabolole jang.
Kgwebo ya gagwe ga ya ema golo go le gongwe ka e ne ya re a tsweletse, a reka motshine o o tlhobang, go tlhofofatsa tiro.
Rre Gaodumelwe a re o atolositse kgwebo ya gagwe ka go reka ditante tse di adimisiwang mo manyalong le meletlo, a dira se gore e re fa di adingwa, a bo a bapatsa kgwebo ya gagwe ya dikoko.
A re kgwebo mo bogompieno e boutsana ka segajaja sa COVID-19 se opuditse batho.
Pele ga segajaja a re kgwebo e ne e phophoma mme a re o na le tsholofelo gore dilo di tlaa boela meriting.
A re mo nakong eno, bareki ba fokoditse sekale, selo se se patikang gore a fokotse dipalo tsa dikoko tse a di ruang.
Kgwebo ya ditante le yone a re e babaletswe mme e ne e le nngwe ya tse di mo tsenyetsa letseno le le botoka, se se bakwa ke go fokodiwa ga dipalo tsa batho kwa meletlong le kwa dintshong.
Le fa a lebanwe ke dikgwetlho, Rre Gaodumelwe a re o ipela ka gore o kgonne go tsenya bana ba gagwe sekole ka mo nakong eno ba le kwa mmadikole ebile a setse a batlile lefelo le a ka ruelang dikoko tsa gagwe teng, go di ntsha mo lwapeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 26 Jul 2021