Mopalamente o lebogela kokelo
26 Jul 2021
Mopalamente wa Maun Botlhaba o lebogetse go bulwa ga kokelo ee ikemetseng ya Maun Private Hospital mo motseng.
Rre Goretetse Kekgonegile o buile se kwa pulong semmuso ya sepatela seo ka Matlhatso, a kaya fa se le botlhokwa thata mo kgaolong ya Bokone Bophirima ka jaana sepatela Letsholathebe se imelwa ebile se tlhaelelwa ke didirisiwa di le dintsi tsa botsogo.
O kaile fa Maun Private Hospital e na le malao a le masome a mabedi le borataro le bodiredi jo bo nang le dikitso tse di faphegileng.
Rre Kekgonegile o ne a gwetlha boeteledipele jwa sepatela seo gore bo nna le tirisano mmogo le sa Letsholathebe mo maitekong a go thusa setshaba.
Mopalamente o ne a tsaya sebaka go gwetlha banni ba Maun go tsaya mokento wa bolwetsi ja COVID-19.
O kgothaditse banni go ikgatholosa dikgang tse di senang boammaaruri tse di buiwang mo maranyaneng tse di kgatlhanong le mokento wa COVID-19.
A re go botlhokwa gore mongwe le mongwe a ipabalele mo mogareng wa COVID-19 ka jalo bao ba ba dingwaga tse di lekanang go tsaya mokento ba dire jalo.
O ne gape a kopa ba ba dingwaga tse di potlana go rotloetse batsadi ba bone go tsaya mokento ka jaana segajaja sa COVID-19 se tsweletse ka go gapa matshelo a batho.
Rre Kekgonegile o ne gape a gwetlha batho go itlhokomela gore ba se tsenwe ke mogare wa COVID-19, bogolo jang kwa batho ba kgobokanang teng jaaka kwa dintshong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : MAUN
Event : Pulo semmuso ya sepatela
Date : 26 Jul 2021