Kwape o rotloetsa ipabalelo
22 Jul 2021
Mopalamente wa Kanye Borwa o kopile Batswana go ipabalela mo kanamong ya segajaja sa COVID-19 se se apesitseng lefatshe kobo ka letshoba.
Dr Lemogang Kwape o buile jalo kwa Kanye bosheng morago ga go lekodisiwa ka seemo sa bolwetse kwa kgaolong ke Dr Christopher Chembe, mogolwane wa lephata la Botsogo le Boitekanelo kwa Borwa.
A re poifo ke gore dintsho tse di bakwang ke COVID-19 le dipalo tsa balwetse di tsweletse ka go golela pele.
O tlhalositse fa mafelo otlhe a bookelo a setse a tletse mo ebileng bontsi jwa balwetse ba tsile go tlhokomelelwa kwa malwapeng a bone jaaka fa dipalo di tsweletse ka go golela pele, selo se a tlhalositseng fa se tlhoka kelelelo.
Dr Kwape, yo gape eleng tona wa Tsa mafatshe a Sele le Ditirisanyo, a re go botlhokwa gore setshaba se eme puso nokeng ka go salamorago ditaelo tsa botsogo tse di akaretsang go fokotsa metsamao ee seng botlhokwa, go rwala sethiba dinko le melomo sentle ka dinako tsotlhe, go tlhapa diatla ka metsi aa nang le molora le go katologana, a tlhalosa fa go dira jalo go ka fenya bolwetse joo.
A re kanamo ya jone e ka kgonwa fela ke fa Batswana ka bongwe ka bongwe ba ka itlama go sala morago ditaelo tsa botsogo, a tlhalosa fa puso ka nosi e ka seka ya kgona go sala mongwe le mongwe wa bone morago go netefatsa gore o ipabaletse kwa a leng teng.
Dr Kwape a re o tshwenngwa ke gore gona le malwetse a a sa tshelanweng a a borai go gaisa COVID-19 jaaka kankere, madiamatona (BP) le sukiri a a tsweletseng ka go gapa matshelo a batho.
A re ebile go a bonala gore bontsi jwa dintsho tsa COVID-19 di amana le malwetse a.
Dr Kwape a re go ipabalela mo kanamong ya mogare wa COVID-19 go ka thusa go fokotsa morwalo ga ba ga a fa baoki sebaka sa go itebaganya le malwetse ao.
Mo dikgannyeng tse dingwe, Dr Kwape o ne a akgolela baoki le dingaka go bo ba tshwere ka natla go lwantsha COVID-19, mme a ba tlhagisa gore le fa go ka nna bokete jang, ba seka ba lebala gore molwetse o thusiwa ka botho le lerato.
Mopalamente Kwape o ne gape a kopa batsadi go laola metsamao ya bana, segolo jang ka dikole di tswetswe. A re bana ba dikole fa ba sa laolesege bogolo thata mo mafelong a setshaba le marekisetso ba ka anamisa COVID-19.
E ne ya re a ntsha la gagwe, Dr Chembe le ene a gatelela fa dipalo tsa balwetse di tsweletse ka go ya magoletsa, mme a kopa setshaba go tsaya karolo.
Dr Chembe o ne a lebogela kgakololo ya gore le fa go kanna thata jang ba seka ba tloka go thusa batho ka botho le lerato.
E ne ya re phuthego e fela, Dr Kwape a tsaya segoagoe go dikologa Kanye a kopa setshaba go sala ditaelo tsa botsogo morago. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Topo Monngakgotla
Location : KANYE
Event : tekodiso
Date : 22 Jul 2021