Breaking News

Makopong o tlaa timolwa lenyora

22 Jul 2021

Dikgwedinyana fela morago ga gore puso e reke motshine o o epang didiba ka P16.4 million, go setse go epilwe didiba di le nne kwa Makopong.

Fa a lekodisa bogogi jwa Makopong kwa Kgalagadi ka Laboraro, moeteledipele wa lekoko la khamphani ya metsi ya Water Utilities Corporation (WUC), Rre John Lehuma, o boletse fa motshine o simolotse go epa didiba ka Phalane ngogola. 

Mo nakong eno go setse go epilwe didiba di le nne mo go tse tlhano tse di kopilweng.

A re lephata leo le ne la epa didiba morago ga gore di dupiwe, ka kitso ya setso ke Motswana, mme sediba sa ntlha se ntshitse metsi a a neng a ka seka a lekana go sielwa morafe, mme se epilwe sekgala sa 200 metres. 

Go ne ga epiwa sa bobedi se se neng sa ntsha metsi a a ko tlase ga 4 cubic metres, mme sone se epilwe 155 meters. 

Fa sa boraro sone se epilwe 100 metres, mme sone se atlegile ka se kgona go ntsha metsi a selekanyo sa 12 cubic metres a a tswang ka oura. 

Rre Lehuma o tlhalositse gore sediba se sengwe sone se ntshitse metsi a 16 cubic metres, mme se epilwe ka bokgabane gore se kgone go tlatsa tanka ya motse mme gape se ka kgona go nosa le motse o o mabapi wa Draaihoek.

A re dipatlisiso tse di dirilweng di supa gore sediba seo se tlaa pompa metsi a selekanyo seo mo dingwageng di le lesome go ya kwa go tse di lesome le botlhano.

O ne a tlhalosa gape gore kwa tlase ga lefatshe mo sedibeng seo go epilwe letamo gore go tle go go gogiwe metsi sentle. 

Rre Lehuma a re metsi ao a monate ka ke metswedi ya noka, mme go tlaa rurifadiwa ka go dira dipatlisiso gore go tlholwe gore a a siametse go nowa.

Moeteledipele wa baepi ba didiba o gakolotse gore mo didibeng tse di ntshang metsi a a kwa tlase, molao o letla banni gore ba ikopanye go di gokela go lema ditshingwana tsa merogo kana go nosa leruo, mme a gatelela gore didiba tseo di tshwanetse go tlhokomelwa ka metsi a tlhokwa.

Fa a tswa la gagwe, moeteledipele wa WUC kwa Tsabong, Rre Benjamin Baitshenyetsi, a re badiri ba lephata leo ba tlaa dira ba le moko o thata ba itse gore metsi a teng. 

A re jaanong go setse go dira mela e e isang metsi kwa motsing.

A re go botlhokwa gore fa mela e tlaa ralalang masimo teng, banni ba letlelele lephata leo go epa mela mo masimong a bone. 

A supa gore go le gantsi dikopo tseo ke tsone tse di diang phatlalatso ya metsi.

Rre Baitshenyetsi a re fa go bonweng sediba sa metsi a mantsi teng, ga gona mela e e segilweng, ka jalo go ya go segiwa mela e mesha, mme go tshwanetse ga nna le kemonokeng ya banni.

A re ba solofela gore sediba seo se tlaa gokelwa metsi a bo a phatlaladiwa, mme pele go tlaa simololwa go dirwa ditshekatsheko beke e e tlang gore metsi a phatlaladiwe jang, mme morago ga gore go dirwe tsotlhe tsa theko, metsi a tlaa simolola go nowa ngwaga o o tlang ka Tlhakole.

Mokhanselara wa Draaihoek/Makopong, Rre Moses Chimbombi o lebogetse WUC go epa didiba tse tlaa namolang motse mo lenyoreng.

A re metsi a a bonweng a tlaa thusa go baya banni mo maemong a mantle a go itlhabolola. 

O ne a supa gore bodiredi jwa WUC bo ntse bo dirisanya sentle le morafe, mme a kopa morafe go dirisanya sentle le bone fa ba kopa go dira mela.

Motshwarelela bogosi jwa Makopong, Rre Obenne Matshogo ene o lebogetse maiteko ka gore motse oo o tswa kgakala o na le letlhoko la metsi.

Rre Matshogo a re metsi ke one konokono, mme fa a seo a kgoreletsa ditlhabololo. 

O ne gape a kopa gore dikgwetlho tsotlhe tse ba tlaa kopanang le tsone ba di lwantshe ka mashetla gore metsi a phatlaladiwe ka nako mo motseng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : MAKOPONG

Event : Phuthego

Date : 22 Jul 2021