Breaking News

Tsholofelo ga e tlhabisi ditlhong

22 Jul 2021

Banni ba Bogogobo kwa kgaolong ya Kgalagadi ba kopilwe go nona pelo ka mathe fa ba santse ba letile puso go dupa sediba kwa motseng oo.

Banni ba ne ba koleka madi go tlhatswa sediba se puso e neng e se ba abetse mme ga fitlhelwa se sena metsi.

E ne yare morago ga pego ya go tlhatswa sediba ka Labobedi, Kgosi Benjamin Bailelwang, o ne a lebogela banni go ipopa setlhopha go tlhatswa sediba se se neng sa abelwa morafe ka lenaneo la ga Tautona ka 2017.

A re sediba se ne sa tlhatswiwa kgwedi e e fetileng ka maikaelelo a go se gokela mme ga fitlhelwa maloba e le maabane.

Kgosi Bailelwang a re mananeo a puso a itebagantse le temothuo, e le tsela ya go tokafatsa matshelo a banni le go tokafatsa seemo sa letlhoko la dijo.

Modulasetilo wa sediba sa Bogogobo, Rre Andrew Kgaileng, a re morago ga gore puso e rolele morafe sediba, e ne ya supa fa go sena madi a go se tlhatswa mme ya supa fa e ka gokela sediba fela fa se tlhatswitswe ka e dirisitse madi go gokela didiba tse go neng ga fitlhelwa di sena metsi.

Go tlhatswiwa ga sediba go lopile P17 000 mme e ne yare morago ga tiro eo, sa ntsha metsi a se kalo mme ya re morago sa ntsha seretse le matlapana a konkoreiti.

Rre Kgaileng a re ba santse ba lebile puso go senka kwa e ka ba bonelang metsi teng, a tlhalosa fa lephata la tsamaiso merero ya tsa lefatshe, metsi le ditirelo tsa kgopo leswe le solofeditse fa le tlaa bolotsa letsholo la go senkela morafe sediba mme le simolotse Phukwi, tsholofelo e le gore le tlaa wela mafelo a kgwedi.

O kopile morafe go tshwaragana le puso gore morafe o bone metsi, mme pulamadibogo ya letsholo la go dupa sediba ke yone e tlaa supang gore tsela pedi go tlaa tsewa efe.

Mokhanselara wa Bogogobo/Kolonkwaneng, Rre Ikitseng Dipone, ene o lebogetse banni go kolekela go tlhatswa sediba a re go ema mananeo a puso nokeng ke selo se se molemo ka seo se ka ba inola mo lehumeng.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : BOGOGOBO

Event : Phuthego

Date : 22 Jul 2021