Breaking News

Kgosi wa Ngware o lela ka go itlhokomolosiwa ga melawana

22 Jul 2021

Boeteledipele jwa Ngware kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng jwa re bo tshwenngwa ke batho ba ba itlhokomolosang melawana ya botsogo.

Kgosi Nti Kelelekilwe o supile fa boitshwaro jwa banni bangwe bo tlhabisa ditlhong mme bo rotloediwa ke bangwe ba go kabong gotwe ba na le boikarabelo mo motseng.

“Seemo sa motse wa rona se tlhoka go tsibogelwa ka potlako ke ba ba maleba, go hema go di tlhaolela di bekerwe ka kanamo ya bolwetse jwa COVID-19 e hupetsa motse ka ntlha ya go nowa ga majalwa le go ikgatholosa thekiso ya one,” Kgosi Kelelekilwe a tlhalosa.

Matshwenyo a ga Kgosi Kelelekilwe a supilwe gape ke Kgosi Ontiretse Kgotlhang wa kgotlana ya Kgotlhang, a tlhalosa fa boitshwaro jwa baetelediepele bangwe ba motse bo digile seriti sa Ngware ka bangwe ba bone e le bone banwi ba majalwa a a titielwang mo motseng kgatlhanong le ditaelo tsa ba botsogo.

Mokhanselara wa kgaolwana Ngware/Shadishadi, Mme Onneetse Lega, o gakolotse boeteledipele go nna le bokao jo bo ka thusang go bopa setshaba, le go itse fa mafoko a kgosi a agelwa mosako ka gore mafoko a boeteledipele a ka tsewa e le thuto mo setshabeng.

Kgosi Shaluka Dipina wa Diphuduhudu a re kanamo ya mogare wa corona kwa kgaolong ya gagwe e ka tswa e atisiwa ke go tla ga barui merakeng, ba bo ba kopana le badisa ba bone.

“Re lemogile kgolo ya dipalo mo Diphuduhudu morago ga go kopana ga badisa le bahiri ba bone. Bothata jo re belaelang bo bakwa ke go thuba kobo segole go sena pabalesego kwa merakeng ka mafelo a beke,” Kgosi Dipina a tlhalosa.

Mokhanselara wa kgaolwana ya Lephepe/Boatlaname, Mme Elisa Kelotlegile, ene o kopile batsadi go laola metsamao ya bana jaaka dikole di tswetswe go hema kanamo ya COVID-19.

 

 “A re tshwaraganeleng go laola bana, go babalela matshelo a rona ka go itse fa kanamo ya bolwetse e re ama bobe re le batsadi, ntlha e e tlhalosiwang ke dipalo tsa nako eno jaaka fa sekole sa motse wa rona wa Lephepe se amegileng thata ka teng,” Mokhaselara Kelotlegile a gakolola. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : NGWARE

Event : Phuthego

Date : 22 Jul 2021