BORAVAST e solofetsa go ntsha maduo
21 Jul 2021
Mokgatlho wa BORAVAST o solofeditse go tlhabolola metse yotlhe e e o okametseng e bong Bokspits, Rapplespan, Vaalhoek le Struizendam.
Se se tla morago ga gore banni ba metse eo ba ikopanye go tswa ka maano a go dira dikgwebo ka setlhare sa Sexanana ka jaana se le sentsi kwa kgaolong ya bone.
Mo potsolotsong bosheng, mongwe wa maloko a mokgatlho kwa Bokspits, Rre George Rautenbach, o tlhalositse fa gape e le maikaelelo a bone go dira dikgwebo ka setlhare seo e le maiteko a go se fokotsa ka jaana ditshekatsheko di supile fa se nwa metsi a mantsi ka medi kwa tlase ga lefatshe.
Rre Rautenbach o tlhalositse fa ba ne ba bula semmuso kgwebo ya go dira magala ka setlhare sa Sexanana ka kgwedi ya Phukwi ngwaga o o fetileng.
O boletse fa motse mongwe le mongwe o na le mokgatlho wa one le maloko a a ithaopileng a le matlhano, ka jalo ba le masome a mabedi ka palo. O tlhalositse gape fa ba na le khuduthamaga e e o tsamaisang, tlhokomela le go gakolola.
A re ba ne ba ithuta go dira ka magala le go tsaya maele le dikitso ba tlhatlhelelwa ke ba Ngami Trust ka le bone ba na le lenaneo leo la go dira magala go dira dipoelo.
Rre Rautenbach o boletse fa gape ba dira furu e ba e silang ba tlhakantse le maungo a setlhare sa Sexanana le dikelekesi e a supileng fa e le bogadi bo gaufi ka e rekwa thata ke barui.
O ne a tlhalosa fa ba ne ba thusiwa ke lekgotla la United Nations Development Programme (UNDP), Ngami Trust le lekalana la Local Enterprise Authority (LEA) ka koloi, didirisiwa tsa go dira magala le go sila furu le dikgetsi tse ba tsenyang mo go tsone fa ba isa kwa marekisetsong.
A re fa e sale mokgatlho oo o simolola go bereka, ba ne ba ithaopa mme bosheng lekalana la LEA le ne la itlama go atswa mongwe le mongwe wa maloko ka P1 200 mo dikgweding tse tharo go simolola mo kgweding eno.
O boletse fa LEA e ba thusa gape ka go ba tlhatlhelela ka fa ba ka tsamaisang mokgatlho ka teng, go baya ditlhwatlhwa le gone go ba bapaletsa dithoto.
O ne a supa fa bosheng ba ne ba tsaya dikgetsana di le masome a mararo go ya go ba rekisetsa kwa mabenkeleng, selo se a kayang se solofetsa fela thata ka go lebega ba tlaa bona dipoelo tse di botoka.
O boletse fa mokgatlho wa Bokspits e le one ofisi kgolo ka sengwe le sengwe se direlwa teng jaaka go baya magala le didirisiwa le go tshwara bokopano.
A re maikaelelo a bone ke go bona mokgatlho o godile ka go dira dipoelo tse itumedisang e bile o itsege lefatshe ka bophara le gone go rekisa magala kwa mafatsheng a sele.
Le fa go ntse jalo, Rre Rautenbach o boletse fa go na le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone jaaka letlhoko la koloi ka ee teng ba e fapaanela le metse e mengwe.
Motshwara madi wa mokgatlho, Mme Martha Isaac, ene o ne a iteela kobo moroko mafoko ao, a supa fa ba ne ba tsaya tshwetso ya go fokotsa setlhare sa Sexanana ka ngwaga wa 2006.
A re seo e ne e le mogopolo fela ka nako eo ka jaana setlhatshana seo se le borai ka se kgadisa metsi mo didibeng.
O ne a tlhalosa gape fa mmitlwa wa setlhare seo o sa siamela botsogo jwa motho ka o kgona go ntsha dintho tse di sa foleng motlhofo.
A re mokgatlho oo o setse o na le molao motheo mme o ne wa simolola go bereka ka 2015.
O ne a supa fa ba setse ba rekisitse dikgetsana tsa magala le furu di ka nna lekgolo le metso e supa mme e bile ba setse ba butse letlole le ba bayang madi kwa go lone ka maikaelelo a go tlhabolola metse ya bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Bokspits
Event : Bokspits
Date : 21 Jul 2021