Breaking News

Mosadi le bana ba tshwerwe ka majalwa

21 Jul 2021

Mosadi mongwe wa Werda kwa kgaolong ya Kgalagadi le bana ba gagwe ba le bararo ba thusa mapodisi mo ditlhotlhomisong mabapi le go fitlhelwa ka majalwa aa farologanyeng. 

Mo potsolosong ka Labobedi, mookamela mapodisi a Werda, Superintendent Mompoloki Ramatsia o boletse fa go belaesega gore bojalwa joo bo tswa kwa ntle ga lefatshe leno.

O tlhalositse fa mapodisi a ne a phuruphutsha malwapa mangwe  morago ga dipelaelo, mme ba fitlhela mosadi wa dingwaga tse di masome a matlhano le borataro ka majalwa a mefuta e e farologanyeng le jo bo ometsweng le setlhatshana se go belaesegang e le motokwane.

Superintendent Ramatsia a re mosadi yoo le bana ba gagwe ba sa ntse ba le mo diatleng tsa mapodisi.

A re mapodisi a tshwaragane le lephata la makgetho go tlhotlhomisa gore bojalwa joo bo tswa kae ka thekiso ya bojalwa e sa letlelelwe.

Superintendent Ramatsia o boletse fa go santse go sa letlelesege go omela bojalwa mo malwapeng mo nakong eno.

A re babelaelwa ba tshwerwe gape ka setlhatshana se go belaesegang e le motokwane wa bokete jwa 500g, mme se tlaa romelwa go ya go tlhatlhobiwa ke bomaitseanape.

Superintendent Ramatsia o ne a gakolola setshaba go ikgapha mo go rekiseng le go nwa bojalwa mo nakong eno ka bo sa ntse bo tswaletswe. O boletse fa motho a ka atlholwa madi aa sa feteng P5 000 fa  a ka bonwa molato.

Mo go tse dingwe, o ne a supa fa malatsi a boitapoloso a ga tautona a tsamaile ka thelelo. 

A re go ne go rena kagiso mme ebile mesepele e ne e le boutsana mo ditseleng ka bontsi jwa batho ba ne ba sa ya magaeng, fa bangwe ba ne ba ntse fela mo malwapeng go sala morago dikgakololo tsa ba botsogo.

E re dikgang di eme jalo, Kgosi Jonny Engleburg wa Mc Cathy’s Rust ene o boletse fa ba tshwenngwa ke banni bangwe ba ba titielang majalwa le ntswa go sa letlelelwe, mme a supa fa ba tshwaraganye le mapodisi go lwantsha seemo seo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Werda

Event : Potsolotso

Date : 21 Jul 2021