Breaking News

Mokgatlho o kgothadiwa go oka banana

21 Jul 2021

Mohumagadi wa ga Tautona, Mme Neo Masisi, o gwetlhile mokgatlho wa Young Women Christian’s Association (YWCA) kwa Moshupa go tswa ka maano a go oka maloko a masha, segolo jang banana.

Mme Masisi, yo a neng a abela mokgatlho metshine e mebedi e e rokang bosheng, a re boloko bo a fokotsega mme se ga se diragale kwa Moshupa fela.

A re ke kgwetlho e e leng teng lefatshe lotlhe ka mowa wa boithaopo o fokotsega.

A re gore mokgatlho o kgone go kgatlha banana, ke gore o fetole ka fa o dirang dilo ka teng.

“Baagi ba setse ba latlhegetswe ke kgatlhego mo mokgatlhong. Go tlhokafala gore le o bapatse mo maranyaneng a tshwana le Facebook kgotsa Twitter le supa dilo tse dintle tse mokgatlho o di dirang,” Mme Maisisi a supa.

A re seabe sa gagwe se tsamaelana le maikaelelo a Tebelopele ya 2036 ka go tlhabolola matshelo ka metshine e a e abileng e tlaa thusa go dira madi le go ithuta go roka.

O supile fa YWCA e le mokgatlho o o nonofileng ka ba ba fetileng ka one matshelo a bone a le pharologanyo.

A re go supega fa YWCA e simolotse ka 1855 kwa moseja, mme mono o tsile ka 1962 pele Botswana a ipusa, selo se a se akgotseng fela thata.

Mme Masisi a re fa mokgatlho o o thaiwa kwa moseja, maikaelelo e ne e le go godisa boeteledipele mo go bomme le basetsana.

A re mokgatlho o, o bua ka bomme le basetsana gammogo le kagiso e e mo lefatsheng leno.

A re o bua gape ka tekatekano ya bong, ebile ga o tlhaole ka o amogela mosadi mongwe le mongwe go sa kgathelesege gore o tswa kwa lefatsheng lefe.

Mme Masisi o tlhalositse fa metshine e, a e filwe ke khamphani ya MEK Foundation kwa Dubai mo lengweng la maeto a a tsereng le Tautona.

“Fa ke ntse ke tsamaya le Tautona ke ntse ke bua ka lefatshe la Botswana le letlhoko la teng bogolo jang ka bomme, banana le basetsana, ka lesego ba MEK Foundation ba kgona go nkutlwa,” Mme Masisi a tlhalosa.

Modulasetilo wa mokgatlho, Mme Gaofenngwe Lesejane, o lebogile mpho a re e tlaa thusa go tsenya madi, mme gape maloko a tlaa e dirisa go ithuta go roka.

A re mokgatlho ga o dire sentle ntateng ya dikgwetlho tse di tsileng ka segajaja sa COVID-19 mme a supa fa ba itlamile go dira ka natla go ya pele le go leka ka thata go oka banana le go dira gore mokgatlho o itsege mo setshabeng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Thuso Kgakatsi

Location : Moshupa

Event : Kabo dimpho

Date : 21 Jul 2021