Mapodisi a tshwenngwa ke tiriso ya motokwane
20 Jul 2021
Mookamela mapodisi a Bokspits kwa kgaolong ya Kgalagadi, Superintendent Berman July, a re mapodisi a tshwenngwa ke dikgang tse di kekelang tsa motokwane.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, o boletse fa ba tshwere banna bangwe ba le babedi ka mophuthelwana o go belaesegang e le motokwane wa selekanyo sa 750g.
A re ba belaela fa motokwane o ba o tshwarang mo bathong o tswa kwa Tsabong, Mochudi le Gaborone.
Supt July o ne a tlhalosa fa mapodisi a lemogile fa barekisi bangwe ba motokwane ba o rekisa ka go lopa dipodi, selo se a reng se tlaa lere lehuma mo bathong ba kgaolo eo ka leruo e le lone le ba itshetsang ka lone.
A re mo nakong ya gompieno, ba santse ba rometse setlhatshana seo kwa go bomaitsaanape go batlisisa gore ke sa mofuta ofe fa ditlhotlhomiso tsone di sa ntse di tsweletse.
O ne a gakolola banni le setshaba ka kakaretso go ikgapha mo go inaakanyeng le borukutlhi jwa go reka le go rekisa motokwane ka go se ka fa molaong gape o le borai ka o sa siamela botsogo jwa batho.
Mo go tse dingwe, Supt July o boletse fa ba na ba tshwenngwa ke bogodu jwa dihutshane ka go belaesega magodu a ne a di tlodisa terata ya molelwane go ya lefatsheng la Afrika Borwa.
Mo nakong ya gompieno seemo se santse se kokobetse ka mapodisi a tsweletse ka go dikologa molelwane ba etse seemo tlhoko.
Supt July o boletse gape fa mapodisi a sa robadiwe ke dikgang tsa tlhakanelo dikobo le basetsanyana ba ba dingwaga tse di kwa tlase lesome le boherabobedi mme bontsi jwa dikgang tseo di santse di le fa pele ga makgotla a ditsheko.
Fa a bua ka tse di amang melawana e e laolang kanamo ya COVID-19, o boletse fa setshaba se obamela melao ya teng mme gape mapodisi a ba beile leitlho thata go netefatsa gore ea diragadiwa.
Kwa bofelong Supt July o ne a kopa batho go tswelela ka go loma mapodisi tsebe go thusa go tshwaraganela go lwantsha borukutlhi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Bokspits
Event : Potsolotso
Date : 20 Jul 2021