Breaking News

Molao wa bogosi o tlaa sekasekwa

20 Jul 2021

Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse, a re go tlhomilwe lekgotla le le tlaa dirang ditshekatsheko ka molao wa bogosi le wa makgotla a Setswana.

Rre Autlwetse o boletse se kwa phuthegong le marara a metse e e mo kgaolong ya botlhophi ya Shashe Bophirima ka Labotlhano.

A re dilo di le dintsi mo tsamaisong ya bogosi di batla tshekatsheko, a tlatsa ka gore mme seo se ka se dirwe ka ponyo ya leitlho ka lefatshe le santse le aparetswe ke tlhaelo ya madi.

Mothusa tona o ne a araba mangwe a matshwenyego a a neng a a ntshitswe ke marara ka nako ya  phuthego ya bone le mopalamente wa kgaolo ya Shashe Bophirima, Rre Fidelis Molao.

Dikgosi tseo di ne di supile fa di sa jesiwe di welang ke lebaka le le tsewang go thiba phatlha kana go ntshafatsa tumalano e ntsha ya khiro.

Kgosi Rapelang Khuwe wa Marobela a re bontsi jwa metse e e mo kgaolong eo bo eteletswe pele ke kgosana a le mongwe ka jalo go nna dingalo fa a santse a feletswe ke konteraka ka morafe o sala mo legoeleleng.

Kgosi Khuwe o ne a kopa gore kgang eo e potlakelwe a bo a re go ka rarabololwa kgang eo ka go thiba phatlha dikgwedi tse tharo yo o tlogelang a santse a theogetse.

Mo go ya go ntshafatsa tumalano le magosi kana go thiba phatlha fa kgosi a tlogetse tiro, Rre Autlwetse a re go ntshafatsa tumalano go batla ditshekatsheko tse di tseneletseng ka motho yoo, mme seo se tsaya nako.

A re nako nngwe tiego e dirwa ke go  gogagogana ga batho ba sa dumalane ka motho yo o tlhomilweng.

Mo go tse dingwe, mothusa  tona o boletse fa metse ya Sebina le Mathangwane e ka se nne le moemela kgosi ka go ya ka National Settlement Policy.

O tlhalositse fa molao oo o supa gore motse o ka nna le kgosi ya maemo ao fa palo ya batho e le 10 000 kana go feta, mme metse eo e kwa  tlase ga palo eo.

Bangwe ba marara ao ba ne ba lela ka lekgetho le le kwa godimo, ba re ka gore bangwe ba tlogetse tiro ka bogodi ba bo ba tsena mo bogosing, jaanong go sobokangwa madi otlhe mme seo se dire gore ba felele ba gogelwa madi a mantsi.

Rre Autlwetse o tlhalositse gore madi a lekgetlho a thusa thata mo ditlhabololong tsa lefatshe a re ka jalo ba ba kgethang ba kgethisiwa go ya ka dikamogelo tsa bone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Mathangwane

Event : Phuthego

Date : 20 Jul 2021