Dipatlisiso di a simologa kwa Kgalagadi
20 Jul 2021
Moeteledipele wa dipatlisiso tsa Botswana AIDS Impact Survey (BIAS V) wa kgaolo ya ntlha (region one), Rre Johane Kehumile, o kopile banni le bogogi jwa metse mengwe kwa Kgalagadi Borwa go ema nokeng lenaneo la dipatlisiso.
Rre Kehumile a re dipatlisiso tseo di tlaa thusa puso go dira ditogamaano tse disha tse di itebagantseng le go lwantsha HIV/AIDS.
Fa a bua kwa kgotleng ya Tsabong ka Labone, Rre Kehumile o boletse fa dipatlisiso tseo di simologile ka kgwedi ya Mopitlo kwa Gaborone mme jaanong di simolotse kwa Tsabong.
A re tiro e, e tshwaraganetswe ke National AIDS and Health Promotion Agency le Lephata la Botsogo le Boitekanelo, mme di dirwa ke unibesithi ya Maryland e e thusiwang ka madi ke lefatshe la Amerika ka lekalana la Centre for Disease Control.
A re maikaelelo a dipatlisiso tseo ke go sedimosetsa puso gore mogare wa HIV o ntsifetse go le kae le go bona gore a ditlamelo di lekane batho kwa mafelong a a farologanyeng.
A re dipatlisiso tseo di thusa puso go loga ditogamaano le mananeo go kganela kanamo ya mogare wa HIV.
Rre Kehumile o tlhalositse fa dipatlisiso tsa BIAS di le botlhokwa ka gore di sedimosetsa puso gore mananeo a a ntseng a le teng a ka tokafadiwa fa kae.
A re BIAS V e batlisisa dikitsiso tse disha go leka go bona gore goya pele go ka tokafadiwa fa kae mo ntweng kgatlhanong le HIVAIDS.
A re mo go dirweng ga dipatliso tse, lefatshe leno le kgaogantswe ka dikgaolo tse tharo mme kgaolo ya ntlha e simologa fa Dibete e felela kwa Struizendam.
O tlhalositse gore dipatlisiso tse di dirwa ka kelelelo.
Ba simolotse pele ka go dira moalo go tlhopha metse le metsana, dikgotla le malwapa a go tlaa dirwang dipatlisiso teng. Se se dirilwe ka khupele-khupele.
Rre Kehumile a re ba malwapa a a tlhophilweng ba tlaa botsolotswa ba bo ba tlhatlhobelwa mogare go setswe ditumalano morago.
A re ba na le setlhopha sa batho ba robabongwe ba ba dirang ditiro tse di farologaneng mo tekodisong e nngwefela mme e re ka segajaja sa COVID-19 se tlhasetse, dipatlisiso tseo di tlaa obamela melao ya COVID-19.
O boletse gore dipatlisiso tseo di akaretsa go simolola ka lesea le le dibeke tse thataro go ya go tsena kwa mogolong yo o dingwaga tse di masome a marataro le bone.
Mme go dirwa ditumalano pele ga motho a ka tsena mo dipatlisisong tseo fa bana bone ba tlaa emelwa ke batsadi ba bone.
Moanamisa mafoko wa BIAS V wa kgaolo ya ntlha, Mme Tebatso Kgotlhang, a re dipatlisiso tseo di tlaa dirwa kwa Tsabong, Gakhibana, Kolonkwaneng, Makopong, Maleshe, Kokotsha, Humutu, Werda, Draahoek, Struizendam, Maralaleng, Middlepits, Bokspits, MaCathy’s Rust le Markrof. A re kgwetlo e tona e kwa malwapeng a badirelapuso ka bontsi jwa bone baabo ba le kwaditirong.
Gape a re ba lemogile gore bangwe ga ba supe kgatlhego ya go tsena dipatlisiso ka jalo a kopa gore ba ikiteye ka thupana ba dirisanye mmogo le babatlisisi.
Kgosi wa Tsabong, Rre David Toto II, a re tiro eo e botlhokwa ka jalo badiri ba tshwanetse go rotloediwa go dira ka mashetla, a kopa gore malwapa a ba amogele.
Kgosi Toto o ne a gakolola babatlisisi gore ba itshware sentle le go sala morago ditsamaiso le dingwao tsa kgaolo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : Tsabong
Event : Bokopano
Date : 20 Jul 2021